Breaking News

Mathiba o tlogela motlhala

12 Dec 2024

Modiri wa pele wa  Lephata la Dikitsiso kwa Selebi Phikwe Rre Koolathe Mathiba o rotloeditse badiri ba maphata a dikitsiso le kgaso go bereka ka botswerere go isa dikgang kwa Batswaneng.

Rre Mathiba yo o tlogetseng tiro ka bogodi morago ga go berekela lephata la dikitsiso dingwaga di feta masome mararo a re bobegadikgang ke konokono mo go godiseng itsholelo ya lefatshe leno ga mmogo le go nonotsha puso ya batho ka batho.

Fa a bua mo potsolosong Rre Mathiba a re o tlogela tiro a dirile go le gontsi mo go godiseng mohama wa bobega-dikgang ka a ne a bereka thata le babegadikgang, ele ene a ba isang go ya go dira tiro ya bone.

A re go bereka le babegadikgang go mo rutile dilo ka bontsi le go tlhaloganya gore puso e tsamaisiwa jang ga mmogo le botlhokwa jwa go fa Batswana morero pele puso e ka tsaya ditshwetso, selo se a reng se ne sa dira gore le ene a tsamaise lelwapa la gagwe ka tsela e faphegileng.

Rre Mathiba o tsweletse ka go rotloetsa badiri ba maphata a dikitsiso le kgaso go tswelela ba dira ka natla go godisa puso ya batho ka batho ga mmogo le go anamisa mananeo a puso gongwe le gongwe kwa Motswana a leng teng gore ba kgone ba dirise mananeo a go tlhabolola matshelo a bone.

Pele ga go bereka mo lephateng la dikisitso Rre Mathiba o berekile kwa lephateng la makgotla a Setswana a bereka le dikgosi le mapodisi a kgotla ka nako eo.

“Golo mo go ne ga nthuta gore ke nne motho yo nang le boikarabelo le go tsaya tiro yame ka tlhwaafalo,” ga bua jalo Rre Mathiba a tlhalosa fa go bereka kwa kgotleng go ne ga mmopa go nna motho yo nang le maikarabelo go itsa dikotlhao tsa molao.

O lebogetse go bereka le dikgosi di tshwana Kgosi Mojuta yo o neng ele kgosi wa kgotla ya Botshabelo, Kgosi Molosiwa Molosiwa wa Kagiso ga mmogo le dikgosi tse dingwe tsa kgaolo ya Mmadinare ga mmogo le badirelapuso ba maphata a mangwe le morafe.

Jaaka rre yo ratang leruo thata, Rre Mathiba o tsweledisitse botshelo jwa gagwe jwa thuo mme o ikaelela go godisa leruo la gagwe ka jaanong a na le nako e ntsi ya go ka ipereka.

“Ke le rotloetsa gore e re le santse le tshwere le bereka le tle le itirela botshelo gore fa le setse le latlhela le seka la sokola. Motho o itirela a santse a bereka eseng a tlogetse tiro.”

Tsala ya gagwe Rre Selaelo Selaelo, mogolwane wa ofisi ya Kgaso ya Selebi Phikwe o lebogetse kemo nokeng ya ga Rre Mathiba a supa fa Rre Mathiba a berekile ka bokgabane go direla setshaba.

A re Rre Mathiba o ne a seka a ngongorega fa a fiwa tiro e bile ele motho yo tlhaloganyang gore tiro ya bobegadikgang e tlhokega nako  nngwe le  nngwe.

Mmereki ka ene kwa ofising ya Dikitsiso mo Selebi Phikwe Mme Gaboselwe Olesitse le ene o lebogetse pereko ya gagwe le Rre Mathiba a tlhalosa fa kemonokeng ya ga Rre Mathiba e mo kgontshitse gore le ene a ntshe maduo mo tirong.

A re Rre Mathiba o mo rutile kgaolo, le go bereka le diofisi ya  tsa  mapalamente. 

“Mathiba o ne a le lerato, a le pelotelele e bile ele motho yo ratang tiro ya gagwe”, ga bua Mme Olesitse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Potsolotso

Date : 12 Dec 2024