Breaking News

Balemi ba letile ka tsholofelo

11 Dec 2024

Balemi ba kgaolo ya Barolong farms ba supile fa ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa dika ba lemile le ntswa kgaolo eo e ise e bone marothodi a pula. 

 Mo potsolosong bosheng balemi ba supile gore e re ntswa go na ga pula go fetogile fela ga ba tlhoboge temo. 

 Mongwe wa balemi Rre Leapetswe Lekoma yoo lemang kwa masimong a Matlakeng e bile e le leloko la komiti ya balemi ba kgaolo, o boletse fa ba setse ba dirile mo go tweng mosele wa pula o epiwa go sale gale.

“Re setse re phakile dipeo le tsone ditshukudu tsa temo di emetse fela gore pula ene re bo re simolola go lema."

O tlhalositse gore ba setse ba tlwaela gore metlha ga esa tlhole ele ya maloba ka jaana pula tsa kgaolo ya bone di tshabelelwa ke go ba gopola ngwaga o setse o fela.

Modulasetilo wa balemi ba MOSISEDI Rre Gofaone Mapitse a re nako e gorogile ya gore balemi jaanong ba senke metlhala e mesha yago inaakanya le phetogo ya loapi.

A re seo ke sone fela se seka ba kgontshang go ntsha dijo mo masimo lefa dipula ese tsedi namagadi.

O gakolotse balemi go tlhopa dijwalo tse di nang le bokgoni jwa go emelelana le seemo sa loapi se se sa ikanyegeng sa malatsing ano.

A re dijwalo di tshwana le  dinawa le mabele ke dingwe tsa dijwalo tse di tshwanetseng go lengwa thata ka gore gadi tshabe mogote o montsi.

Modulasetilo o tsweletse ka gore balemi ba itlwaetse le gone go dirisa methale e mesha ya temo, a re seo se botlhokwa ka gore ba kgona go emelelana le diemo tsa leuba.

“Re santse re tshabelelwa ke go rata go pitikolola mmu mme dipatlisiso di supa fa molemi aka bolaa mohero abo a jala a dirisa bolema jwa temo ee fetileng”, Mapitse a tlhalosa..

Rre Mapitse a re gosa kgathalesege gore seemo se ntse jang, ba ikaelela go dira maitlamo a go ntsha dijo go jesa Batswana.

Rabalemise wa kgaolo Rre Diphetogo Molefi-Tshuma le ene o supile fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba tsweletse ka go baakanyetsa temo.

O boletse fa ba tsweletse ka go thusa balemi ka ditirelo tse di tlaa ba kgontshang go baya tema.

“Re rotloetsa gore ba seka ba fela pelo ka gore tumelo ke gore pula e tlaa ba gopola mo bogaufing”, Molefi-Tshuma.

Rre Molefi-Tshuma o tsweletse ka go tlhalosa gore le ba ba lemelang kgwebo ba masimo a matona a Mosisedi le bone ba semeletse ka dipaakanyo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Matlakeng

Event : Potsolotso

Date : 11 Dec 2024