Letshikhoana o rola bogosi
11 Dec 2024
Motshwarelela bogosi jwa Tlhareseleele, Kgosi Francis Letshikhoana, o boleletse morafe gore nako e tsile ya gore a neele bana ba ga mogolowe setilo sa bone sa bogosi.
O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla ee neng e biditswe ke Kgosi ya Barolong, Kgosi Lotlaamoreng II, ka Labobedi kwa Tlhareseleele.
Kgosi Letshikhoana o ne a tlhalosetsa morafe gore o ne a tshwareletse ditlogolo tsa gagwe tsa mawelana ebong Teboho le Jacob Letshikhoana ka ba ne ba sale bannye e bile le ene o setse dingwaga di mo tshwere.
Fa a bua le morafe, Kgosi Lotlaamoreng II o ne a tlhalosa fa a itumeletse neelano le tirisanyo mmogo ya ga Rre Letshikhoana le ditlogolo tsa gagwe.
O supile fa a dumela gore Rre Letshikhoana ga ana go latlha bana ba ga mogolowe mme o tlaa tswelela a ba gakolola goya pele.
Kgosi Lotlaamoreng II o ne gape a tlhalosetsa beng ba setilo gore ba tshwanetse go itse gore Rre Letshikhoana ke motsadi wa bone, mme ba seka ba letlelela morafe go ba kgaoganya le ene.
Rre Teboho Letshikhoana o ne a re o lebogela tirisanyo ya bone le rangwane wa bone mme a solofetsa gore ba tlaa dirisanya le ene sentle.
Lefa go ntse jalo o tlhaloseditse morafe gore ka mabaka a botshelo, ene o setse e le moagedi wa Aferika Borwa mme ka jalo lewelana la gagwe e bong Jacob e le ene a tlaa tsayang setilo sa bogosi.
Morafe o ne wa iteela mafoko ao legofi ka bongwe fela jwa pelo ba tlhalosa fa ba dumalana le ditshwetso tse di tserweng ka jaana di le maleba.
Kgosi Lotlaamoreng II o ne a tlhalosa fa a tlaa boela kwa go bone mo nakong e esa fediseng pelo go tla go ba bolelela gore ba tlaa tlhoma leng kgosi ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Tlhareseleele
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Dec 2024