Puso e tlaa tswelela e thusa ba CKGR
11 Dec 2024
Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo Le tsa Ngwao, Rre Ignitius Moswaane, a re puso e tlaa tswelela ka go neela banni ba metse e e mo tikologong ya Central Kalahari Game Reserve(CKGR) dithuso tsa botsogo, metsi le dijo.
O buile jalo ka Labobedi kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la ditshwanelo tsa setho, a tlhalosa fa puso e itlamile go tlotlomatsa serodumo sa ditshwanelo tsa setho.
Rre Moswaane a re lephata le ntse le le mo motlhaleng wa go tlotla ditshwanelo tsa setho, a re ba na le banni ba le 443 mo CKGR ba ba thusiwang ka ditlamelo kgwedi le kgwedi.
A re khansele e na le palo ya baithuti ba le 86, ba le bone ba leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya puso go netefatsa gore le ntswa ba nna kgakala le ditlamelo, ga ba salele kwa morago mo go tsa thuto.
Ke ka moo puso e na le maikaelelo a go tla ka methale ya go nonotsha ditirelo tse e di ba abelang go ba nonotsha go kgona go itshetsa mo isagong.
Rre Moswaane a re e re ntswa ba tsweletse ka go thusa banni ba CKGR ka mananeo, ba itlamile go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng go bona gore ba ka thusiwa botoka jang go lebeletswe ditshwanelo.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Lobatse Beslag wa New Xade o ne a tlhalosa fa go swabisa nko go feta molomo ka go itemogela fa batho ba Letso la Sesarwa ba tsewa ka letsogo la molema.
A re ditso di supa fa Basarwa e le bone batho ba ntlha mo lefatsheng leno, selo se a reng ba kabo ba fiwa tlotla jaaka merafe e mengwe.
A re ka ngwaga wa 1961 puso ya pele e ne ya fetola molao ka gore go nna ga banni bao mo CKGR go ne go se ka fa molaong, mme a supa fa banni ba ne ba sena seabe sepe mo tshwetsong, a re se, e ne e le go ba rontsha ditshwanelo tsa bone .
O ne a supa fa boeteledipele bo tshwanetse go nna kelelelo ka ditshwetso tse ba di tsayang sebe sa phiri e le go netefatsa gore batho ga ba kgethololwe ka letso jaaka a supa go diragetse ka batho ba letso la Basarwa
Kgosi Beslag a re ba na le tsholofelo mo pusong gore e tlaa baakanya molao motheo le ditsamaiso tse dingwe go netefatsa gore ga e nne botlhabetsi mo go rotloetseng kgethololo.
Mo go tse dingwe o ne a lebogela tshwetso ya puso go boloka Rre Pitseng Gaoberekwe morago ga go gogagogana le puso ka lobaka mabapi le go kganela go ka fitlhwa mo lefelong la gagwe la tlholego.
Kgosi Beslag, o ne a gwetlha goromente go tsenya dikgang tse di amang ditshwanelo tsa batho leitlho go itsa go ipoeletsa ga kgang e e tshwanang le ya ga Gaoberekwe.
Mo mafokong a gagwe, Mogolwane go tswa Kwa ofising ya Mosireletsi, Advocate Stephen Tiroyakgosi, o ne a lekodisa batsena moletlo gore lefatshe le mo ngwageng wa bo 76 ba ntse ba ipelela letsatsi la ditshwanelo tsa setho.
A re maikaelelo a letsatsi le, ke go fa mafatshe sebaka sa go itshekatsheka gore ba dirile go le kae, mo go netefatseng gore ditshwanelo tsa batho di a diragadiwa le gone gore di a tlotliwa.
Ka jalo, o ne a supa fa kgang ya ga Rre Gaoberekwe e tlaa thusa ba melao go o sekaseka, le ditsetlana tse dingwe go bona gore di a tlhotlhiwa go ntsha dilabe tse di ka rotloetsang go itlhokomolosa ditshwanelo tsa setho.
O ne a gwetlha setshaba go ema kgatlhanong le kgatako ya ditshwanelo tsa setho, a re go gataka ditshwanelo go na le ditlamorago tse di botlhoko.
Mo mafokong a gagwe a malebo, tona wa Lephata la Dipalamo le Dikago, e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi, Rre Noah Salakae, o ne a leboga ba-na-le seabe botlhe go netefatsa gore tiro ya ga Rre Gaoberekwe e tsamaya ka bonokopila.
O ne a iteela mogwebi wa mmoshara Mme Joyce Dekkop legofi ka bopelokgale jo a bo supileng ka go tshegetsa serepa sebaka se se fetang dingwaga tse pedi, mme a gwetlha setshaba ka kakaretso go nna le mowa wa go babalela ditshwanelo setho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Metsiamanong
Event : Phitlho
Date : 11 Dec 2024