Breaking News

Go okela banana mo kerekeng go botlhokwa

10 Dec 2024

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Oteng Ntau a re go botlhokwa gore banana ba ngokelwe kwa dikerekeng go agiwa le go bopiwa setsha ka go rerelwa lefoko la modimo.

 

Rre Ntau o buile se fa a buisa banana ba kereke ya Eleven Apostles Spirit Church mo bokopanong jwa ngwaga le ngwaga kwa Tsabong bosheng.

 

O supile fa go ngokela banana mo kerekeng go le botlhokwa ka e le go bopa baeteledipele ba ka moso.

 

Rre Ntau o ne a gwetlha banana ba kereke eo go ema ka dinao go direla Modimo ka nako tsotlhe ka peloyotlhe, botho, maitseo le lorato le ka go nna sekao mo phuthegong ya bone le setshaba kakaretso.

 

O ne a ba kgothatsa gore ba itsetsepele ka lefoko la Modimo le go le ikanya ka nako tsotlhe mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo botshelong.

 

A re jaaka e le banana ba tshwanetse go sekaseka boitshwaro jwa bone jo bo sa amolesegeng mo setshabeng mme ba ikage setsha go dira tse dintle le gone go rotloetsa mowa wa go itshwarelelana mo kerekeng fa bangwe ba ba diretse diphoso.

 

Rre Ntau o ba rotloeditse go tshwaragana le boteledipele jwa motse jaaka magosi le VDC mo ditlhabololong tsa motse le maphata a puso aa farologanyeng go thusa mo go fitlheleng maiteko a puso.

 

O ne a kgothatsa banana gore ba seka ba itlhoboga mo botshelong a supa fa morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe kwa Mmadikole (UB) a ne ikopela lenaneo la CEDA ka lebaka la letlhoko la ditiro ,mme a gwetlha banana gore ba inaakanye le mananeo a puso aa leng teng go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone.

 

Moeteledipele wa kereke ya Eleven Apostles Healing Spirit Church Arch Bishop Kesotlegile Ramasimo o ne a gwetlha banana go ingotla mme ba seka ba ikgogomosa le go nyatsa ba bangwe, mme segolo ba ngokele banana ba ba bangwe mo kerekeng.

 

O ne a tlatsa ka go kgothatsa banana go tlhwaafalela go dira ka natla le matlhagatlhaga mme ba ithute mo baeteledipeleng ba kereke eo tse dintle jaaka lorato,poifo Modimo le ditsamaiso tsa kereke ka e le bone baeteledipele ba ka moso.

 

Moruti Lesedi Khisa o ne a abela banni ba le bane dimpho tsa keresemose a tlhalosa fa kereke eo e tswa kgakala e dira ditiro tsa bopelotlhomogi e le tsela nngwe ya go supa lorato le boutlwelo-botlhoko mo go ba bangwe.

 

Moruti Khisa o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba kokoanya madi aa fetang P4 500 go tswa mo dikomiting tsa banana mo dikgaolong tse dingwe mme ba tshwaragana le VDC ya Tsabong go nopola ba ba thusitsweng fa bangwe ba ne ba ba itlhopela e le phuthego.

 

O ne a supa fa ba ne ba abela ba-na-le bogole ba le bararo, basetsanyana ba babedi le monna a le mongwe le a le mongwe yo o tlhokileng lesego mo botshelong go tswa mo dikgotlaneng tse di farologanyeng. Ends

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : THUTO SEKA DIPUISANO

Date : 10 Dec 2024