Kgokgontsho e tlhoka tshwaragano
10 Dec 2024
Kgokgontsho ya basetsanyana le bomme e setse e tsere phekelo e sele mo kgaolong ya Tsabong le mo lefatsheng leno ka bophara.
Selo se, se kgwethile mapodisi a Tsabong go tshwaragana le ba-tsaa karolo botlhe ba akaretsa maphata a puso,makalana aa ikemetseng le setshaba ka kakaretso go tswa ka ditharabololo tse ba ka fedisang mmaba o.
E rile a bua kwa thuto puisanong bosheng, Mookamela mapodisi a e seng a seaparo , Superintendent Lynn Wesi a tlhalosa fa ba-tswa setlhabelo ba a ‘swa senku’ ebile ba tshaba go kgethololwa le go tlhoka kemonokeng.
O kaile fa bana ba tshwanentse go rutwa ka kgokgontsho ba sa ntse ba le bannye gore e re e ba diragalela ba kgone go lemoga mme ba ikuele.
Superintendent Wesi o boletse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ema ka dinao go lwantsha mmaba o.
A re kgokgontsho e tshwanetse ya kgalwa mo lwapeng, kwa tirong le mo dikoleng, a tlatsa ka gore mefuta ya yone e akaretsa dikiteo, tlhakanelo dikobo, ya madi le tse dingwe.
O boletse fa maikaelelo e le go tshwaragana le ba-na-le seabe botlhe go bereka mmogo ba le seopo sengwe go fedisa kgokgontsho.
Fa a amogela ba-tsena thuto puisano eo, mookamela mapodisi wa Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David o ne supa fa mo kgaolong ya gagwe ba gatisitse dikgetsi di le nne tsa polao mme ngwaga oo fetileng di ne dile pedi,tsa petelelo di le masome a mabedi le botlhano ngwaga oo fetileng fa ngwaga ono di le masome mabedi le bobedi
O ne gwetlha ba-tsaya karolo ba bangwe go tshwaragana le mapodisi ka ‘setshwarwa ke ntsa pedi se se thata’ a supa fa maitemogelo a bone ka di dikgang tsa kgokgontsho e le gore ke ‘phitlhela kgomo ya serotswana’ mo go bangwe.
A re tshwaragano ya mapodisi le setshaba e ka fedisa kgokgotsho mo lefatsheng leno.
Mme Neo Mafoko go tswa kwa BOSASNET o ne a supa fa go ya ka maitemogelo a bone tiriso botlhatswa ya bojalwa, metsoko le ditagi e le kwa godimo thata mo Tsabong selo se a tlhalosang fa e le nngwe ya tse di bakang kgokgontsho.
Mme Mafoko o ne a kgothatsa batsadi go tsaya boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone le gone go nna sekao ka go nna le boitshwaro jo bo amogelesegang mo setshabeng a supa fa bana bangwe ba dingwaga tse di kwa tlase ba amega mo dikgannyeng tsa matshosetsi a polao, metsoko le majalwa.
Modulasetilo wa lekalana la borre Rre Kaone Mantswe o ne a supa fa borre bangwe ba tlhabisa ditlhong le go diga seriti sa borre ka ba amega mo dikgannyeng tsa go tlhakanela dikobo le bana ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi.
Rre Mantswe o ne a ngongorega ka dikgang dingwe tsa kgokgontsho ya bana tse di diragalang mme lefa go isiwa boikuelo kwa mapodising di felela mo phefong ka badira molato ba sa tseelwe dikgato tse di gagametseng ebile di le maleba.
Ba-tsena thuto puisano ba ne ba tswa ka megopolo ee farologanyeng mabapi go nyeletsa kgokgontsho e akaretsa go simolodisa dikomiti tsa twantsho kgokgontsho mo dikgotlaneng tsa motse oo, go tsibosa le go ruta batsadi ka botlhokwa le ditlamorago tsa kgokgontsho,kago ya lefelo la itloso bodutu le tse dingwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : THUTO SEKA DIPUISANO
Date : 10 Dec 2024