Breaking News

Go ipolaya ga se tharabololo ya mathata

09 Dec 2024

Dikgang tsa go ikgapela botshelo ke borre bogolo jang makawana mo kgaolong ya Tsabong ga di jese mapodisi le setshaba ka kakaretso diwelang.

Ditiragalo tsa mohuta o ga se go rarabolola mathata fa e se go tlogela batsadi le ba masika ka kutlobotlhoko le bohutsana.

Mo potsolotsong bosheng, Detective Assistant Superintendent Emmanuel Lesetedi o tlhalositse fa mapodisi a ne a begelwa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone go fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo e a neng a robala mo go yone kwa kgotleng ya Botsogile kwa Tsabong.

Detective Assistant Superintendent Lesetedi o ne a tlhalosa fa mapodisi a ne a ragogela teng mme ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.

Fa kgang e e gatisiwa, serepa se ne se le mo setsidifatsing mme mapodisi a setse a se reboletse batsadi go ka bolokwa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.

O boletse fa batsadi ba supile fa moswi a ne a sa itshupe tlhobaelo epe fa ba kgaogana le ene ka nako ya go ya go robalwa mme se se gakgamatsang ke gore mo mosong a bo a setse a ikgapetse botshelo.

Detective Assistant Superintendent Lesetedi o ne a tlhalosa fa ngwana wa dingwaga tse di lesome le bongwe e le ene a neng a bona tiragalo eo morago ga go lemoga fa moswi a sa kgona go tsoga maphakela jaaka e le tlwaelo.

Moswi o tlholega mo Tsabong mo kgotleng ya Botsogile. Detective Assistant Superintendent Lesetedi a re monongwaga ba gatisitse dikgang tse pedi tsa go ikgapela botshelo tse di amang banana mo Tsabong.

Mabapi le tiragalo eo, Detective Assistant Superintendent Lesetedi o ne a gakolola borre bogolo jang makawana go tlogela go swa senku mme ba kope dithuso mo go ba ba maleba ba akaretsa dikgosi, mapodisi, ba boipelego, batsadi ba masika le ditsala go rarabolola mathata go na le go itseela ditshwetso tse di botlhoko jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 09 Dec 2024