Segopotso se botlhokwa mo ntweng ya HIVAIDS
09 Dec 2024
Segopotso sa mafatshefatshe sa AIDS se botlhokwa ka jaana se tsibosa se bo se gakolola setshaba ka dikgang tsa mogare wa HIV/AIDS.
Se se builwe ke Tona wa Metsi Rre Onneetse Ramogapi kwa moletlong wa letsatsi la mafatshefatshe la segopotso sa AIDS kwa Radisele ka Labotlhano.
Tona Ramogapi yo gape e leng Mopalamente wa Palapye o boletse fa letsatsi le le fa setshaba sebaka sa go buisana le go tswelela se fa ba-tshela le mogare kemonokeng.
A re letsatsi le le neela ba-na-le seabe nako ya go nonotsha le go supa maitlamo a go tswelela ka ntwa kgatlhanong le HIV jaaka lefatse leno le tsamaela kwa bokhutlong jwa go fedisa matshosetsi a bolwetse jo ka ngwaga wa 2030.
Rre Ramogapi o boletse fa go le botlhokwa go sireletsa ditshwanelo tsa batho ka go ba akaretsa mo letsholong la thibelo ya HIV/AIDS.
O gakolotse morafe go itlhatlhobela HIV le malwetse a a sa tshelanweng gore ba itse seemo sa bone sa botsogo ba tle ba tseye kalafi go santse go na le nako.
A re malwetse a a sa tshelanweng a tlhoka go emelwa ka dinao ka jaana Batswana ba le mo boraing jwa go tsenwa ke malwetse a ka ntlha ya ka fa ba tshelang ka teng.
Rre Ramogapi a re mabaka a a bayang bontsi jwa Batswana mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a a sa tshelanweng ke go goga motsoko, go nwa bojalwa phetelela, go ja dijo tse di sa siamelang botsogo le go tlhoka go itshidila mmele.
Mogolwane wa baoki wa kgaolo ya Radisele, Mokgware le Mogome Mme Keeme Gosiame a re bodiredi bo a tlhaela, ka jalo balwetse ba ba tsayang diritibatsi ba beetswe malatsi a ba bonwang ka one.
Mme Gosiame a re mo kgaolong ya bone bontsi jwa batho ba tsaya kalafi ya bone sentle, mme fela ga go ke go tlhoka ba ba salelang kwa morago.
A re mo kgaolong ya Palapye go na le balwetse ba le 753 ba ba tshwerweng ka mogare, ba le 28 ba saletse kwa morago mo go tseeng kalafi, bangwe ba emisitse go tsaya diritibatsi fa go na le ba ba ganang gotlhelele go di tsaya.
Mme Gosiame a re ba leka go sala balwetse ba go nna jalo morago ba tshwaragane le ba boipelego mme go na le ba ba palang, a tlhalosa gore go tlogela dipilisi tse motho a tshela ka tsone go borai.
Fa a afa bopaki jwa gore go tshwarwa ka mogare ga se bokhutlo jwa botshelo, Mme Boipuso Barulaganye o ne a tlhalosa fa a na le dingwaga di le masome mabedi a tshela le mogare.
Mme Barulaganye a re o tshwerwe ka mogare a le dingwaga tse di masome mabedi le borataro e bile a itsholofetse.
A re o ne a tsena mo diritibatsing a bo a tshegetsa ditaelo tsa ba botsogo mme a belega ngwana yo o senang mogare le ba bangwe ba le babedi le bone ba sa amega.
Ka nako ya a tshwarwa ka mogare o ne a anwa bojalwa mme bone bo dira gore masole a mmele a ye kwa tlase.
Mme Barulaganye a re o ne a tsaya tshwetso ya go tlogela bojalwa, mme a itemogela diphetogo a simolola go nna borethe, masole a mmele le one a oketsega.
O ne a rotloetsa banni go itlhatlhobela HIV ba bo ba tsaya kalafi fa ba tshwerwe ka mogare a bo a ba gakolola go ikgapha mo go nweng bojalwa le go golaganya bakapelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Moletlo
Date : 09 Dec 2024