Breaking News

Ke nako ya go tlhodumela tsamaiso le melao ya Setswana - Kgosi

09 Dec 2024

Ba lekalana la bong ka fa tlase ga Lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, ba ne ba itshwaragantse le ba-tsaya karolo ba bangwe mo mogwantong le bokopano kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana, ka fa tlase ga setlhogo se se reng "Ga Go na Maithamako, A Re Tshwaraganeng Go Lwantsha Kgokgontsho Ya Bomme Le Bana."

Kgosi Keorapetse Legabala wa Selokolela a re go ya ka maitemogelo a gagwe jaaka a dira le setshaba, segolobogolo mo dikgannyeng tsa dintwa le tlhoka-kutlwisisanyo, sebaka se tsile gore jaaka melao e baakangwa mo lefatsheng la Botswana, le ditsamaiso dingwe tsa Setswana di lebelelwe.

O kaile se mo letsatsing la tshimolodiso ya malatsi a a lesome le borataro a ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana mo kgotleng ya Selokolela ka Labotlhano.

Kgosi Legabala jaaka melao ya lefatshe e baakangwa go tsamaelana le matshelo a gompieno le melao ya Setswana e newe sebaka seo. 

“A merafe le baeteledipele ba phuthwe go tlhodumelwe gore a mme melao ya Setswana le yone e tsamelana le mabaka a botshelo gompieno” ga bua Kgosi Legabala.

O ne a fa sekai ka manyalo a re fa  bomme le borre ba laiwa go ya ka dingwao tsa Setswana, nako dingwe melawana mengwe e ba e neelwang e le e e nang le kgatelelo ya bong, mme ba e neelwa go tsamaisa malapa le matshelo a bone.

Fa a kgwa dibui tsa letsatsi kgaba, one a tswelela ka gore, e re le ntswa Sengwaketse e le ngwao ya ga bone e bile e tshegeditswe sentle, ga a ise a utlwe ka letsatsi lepe gotwe go bokapano kgotsa thulaganyo ya go baakanya ditsamaiso, ngwao kgotsa melao ya Sengwaketse.

“Ditsamaiso tse di hitilwe ke lobaka e bile di wela ka fa tlase ga dikai dingwe tsa kgokgontsho,” ga bua kgosi.

O ne a tswelela ka gore, mo dipalong tsa ditseo tse di dikileng di le teng o solofetse gore di ya go gola gabedi mme se se tla gogela mo goreng morafe o atle tirelo ya tshidilo maikutlo pele ga lenyalo gore segolo bogolo tshidilo maikutlo e ame dikgang tsa kgokgontsho, go rutwe banyalani go ba baa mo seemong sago tsamaisa malwapa sentle.

Rre Legabala a re o ntse a dira le baruti mo tsamaisong ya lenyalo mme a amogela gore o ne a tlhaela go nna le tirisanyo le bagakolodi mo tshidilong maikutlo, selo se jaanong a reng o bona fa se le maleba go nna karolo ya paakanyetso kgolagano ya ga rre le mme mo nyalong.

A re se se ka hema kgokgontsho e e diragalang mo malwapeng. O ne a gakolola banni ba Selokolela go ipaakanyetsa go dira le ba tshidilo maikutlo mo ditsamaisong tsa paakanyetso manyalo le mo dikgotlhang tse dingwe go akaretsa le tsa kgokgontsho.

Fa a ama dikgang tsa boswa, kgosi one a tlhalsosa fa go supagala gore dikgogakgogano tsa dikgang tsa boswa, di wela mo kgannyeng ya kgokgontsho segolobogolo kgokgontsho ya go itlhokomolosa tlhokomelo ya bana.

O tsweletse a tlhalosa gore se se supagala ka go ikgagapelela dithoto tse batsadi ba di tlogelang fa ba tlhokafala, di tshwanetse go tlhokomela bana ba ba ba tlogetseng mme se se tlogele bana mo tshotlegong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Kanye

Event : Mogwanto

Date : 09 Dec 2024