Breaking News

Kgosi o akgola maiteko a borre

08 Dec 2024

 Kgosi ya Old Disana kwa Maun, Kgosi Cathrine Matlhare o akgoletse setlhopha sa borre bangwe mo kgaolong ya gagwe go emela ditshwanelo tsa bone ka dinao.

Kgosi Matlhare a re  morago ga go tlhomiwa mo setilong sa bogosi bosheng, borre bangwe ba bagodi ba ne ba kopa go nna le bokopano gangwe fela mo bekeng mo kgotleng go bua ka dikgang tse di ba amang. 

A re  o ba opela legofi mme le ba bogosi kwa kgotleng e tona ya Matlapana ba atlile mogopolo oo ba supa fa mo malobeng borre ba ne ba dira jalo. 

Kgosi Matlhare o boletse fa bagodi bao ba kopana letsatsi la Laboraro mo bekeng. 

“Se se nonang pelo le go feta ke gore bagodi bao ba tsile ka mogopolo wa go aga leobo le le nnye gone mo kgotleng gore ba nne ba kopanela teng. Ke mogopolo o montle o ke eletsang morafe re ka ba ema nokeng gore ba fitlhelele moono wa bone,” a tlatsa jalo.

O boletse fa a dirile maiteko go kwalela ba matlhabelo a Ngamiland go bona gore ba ka thusa bagodi ba o jang a supa fa a santse a emetse phetolo.

O tsweletse a supa gape fa bagodi bao ba kgathala gape ka botsogo jwa bone a tlatsa ka gore ka Laboraro, Dr Tlamelo Motsamai o ne a ba etela go amogana le bone ka dikgang tsa botsogo.

Kgosi Matlhare a re mo bokopanong joo, Dr Motsamai o ne a tsibosa borre ka botsogo tswa tlhaloganyo, jwa mmele a gatelela fa botsogo jwa bone fela ka kakaretso le ba ba tshelang le bone mo tikologong bo le botlhokwa.

A re ngaka o ba boleletse fa dipatlisiso di supa fa bolwetsi jwa tlhaloganyo bo tshwenya thata mme a rotloetsa borre go ikemela ka dinao go ikamanya le ba botsogo.

O tsweletse a re borre ba ne ba rutwa gape ka malwetsi a mangwe a a tshabelelang bagodi jaaka jwa madi a matona, sukiri le yone kankere ya borre mme ba kgothadiwa go ikamanya le ba botsogo go tsaya dikgakololo le gone go itlhatlhoba gore ba kgone go a hema nako e sa le teng.

A re ngaka o supile fa mo dingwageng tsa bo 1990-2004, bolwetsi jwa HIV/AIDS bo ne bo jweleletse thata batho ba latlhegelwa ke matshelo mme seemo se fetogile ka jaana batho ba ne ba tsaya diritibatsi.

Go ya ka Dr Motsamai, gompieno dipatlisiso di supa fa malwetsi a sukiri le  madi a matona, a tsere phekelo e sele ka jaana dipalo tsa balwetsi di golela pele mme a gatelela botlhokwa jwa go itlhatlhoba a re fa motho a diega malwetse ao a ka ama dikarolo tse dingwe tsa mmele.

Dr Motsamai o ne gape a gakolola borre ka bodiphatsa jwa go nwa bojalwa, ditagi le motsoko a re ba ikgaphe mo go tsone ka jaana di na le kgonagalo ya go gakatsa malwetsi.

Kgosi Matlhare o lebogetse dikgakololo tsa ngaka a re di supa fa a kgathala ka botsogo jwa borre ka e le bone ditlhogo tsa malwapa. A re o dumela fa dithuto tseo di tlaa gwetlha borre go etela dikokelo go itlhatlhoba a re go le gantsi borre ba maoto a tshupa fa go tla mo go tsa botsogo.

O ne a kgothatsa setlhopha seo sa borre go tswelela ka mowa wa tshwaragano le gone go abelana maele a re seo se tlaa ba thusa go aga malwapa a motia. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Bokopano

Date : 08 Dec 2024