Breaking News

Metshameko e thusa go ikgapha mo masuleng

08 Dec 2024

Metshameko e supilwe fa e ka  thusa go  lwantsha dikgwetlho le masula a a bakwang ke botlhokatsebe, Kgosi Kedirile  Letshabo wa Molapowabong  o supile jalo ka labotlhano.

O buile mafoko a kwa  Molapowabojang jaaka gone go tshwerwe letsatsi la metshameko go itebaganya le dikgwetlho tse lefatshe le lebaganeng le tsone. Kgosi Letshabo o boletse fa  borukutlhi bo le bontsi mo motseng oo, kgokgontsho ya bong le yone e tsere phekelo e sele, a supa fa  mo ngwageng ono go setse go gatisitswe dikgetsi tsa dipetelelo di le thataro.

Ka jalo, o supile fa metshameko e ka  thusa morafe go lwantsha kgokgontsho ya bong le masula a mangwe ka gore batho ba ka dirisa nako ya metshameko go itshidila le go ikgapha mo ditirong tse di sa eletsegeng. 

Molomaganya ditiro kwa lephateng la Metshameko le Bodiragatsi mo kgaolong ya borwa, Rre  Moeti  Godisamang a re metshameko  e ka thusa banana go ikgapha kgatlhanong le ditiro tse di maswe, jaaka go utswa, go inaakanya le nnotagi.

Rre Godisamang a re maikaelelo  ke go rotloetsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase  gore ba tseye karolo mo metshamekong go lemoga bokgoni.

O tsweletse a tlhalosa gore metshameko e rotloetsa itshidilo mmele, le go itebaganya le masula a aparetseng lefatshe  leno go akaretsa kgokgontsho ya bong, borukutlhi, bope fela  a tlatsa ka gore metshameko e bopa  ngwana kgotsa motho go nna le boitshwaro jo bo  siameng  kana go nna le boikarabelo.

Rre Godisang o boletse fa bana ba ka ikgobokanya mme ba thusiwa ke mokgatlho wa baithaopi ba metshameko go ribolola ditalente tsa bone.

Mme Onneile  Dintwe  yo eleng motabogi wa pele wa setlhopha sa sechaba  yo gape  e leng mokatisi  o kgothaditse banana gore ba seka ba ipona tsapa  mo go sepe bogolo jang fa bana le lorato mo metshamekong, a re seo se ka dira gore ditalente  tsa bone di gole.

O tsweletse a bolela gore metshameko e rotloetsa boikgapho le boitshwaro jo bo siameng a tlatsa ka gore  one a ipotsa gore fa mosetsana kwa mafatsheng a mangwe a kgona ene o ka palelwa ke eng.

Mme  Dintwe o gakolotse banana gore ba seka ba letlelela  maikutlo a a sa iketlang go ba laola  a bo ba dirisa ditagi, a tlatsa ka gore maikaelelo a gagwe  ke go rutuntsha bana ba ba tswang kwa tlase ka botlhokwa jwa metshameko le maduo a yone.

Sergeant  Naganang Mogapele go tswa kwa ofising ya Mapodisi ya Lobatse a itibagantse le  dikgang tsa bong le tshireletso ya bana  o ne a tlhalosa fa dipalo tsa  batho kgotsa batsadi ba ba itlhokomolositseng  bana  di oketsegile  go nna makgolo a matlhano le boferabongwe fa mo  ngwaga o o  fitileng ka nako yone e di ne di le makgolo a mararo le bone fela.

O tlhalositse fa dikgang tsa go nna setlhogo mo baneng le tsone di oketsegile go nna lekgolo masome a marataro le botlhano fa ngwaga o fitileng di ne dile  lekgolo le metso ele mene. 

Fa dikgang tsa kgokgontsho ya bong le tsone di apesitse lefatshe kobo ka letshoba,  a supa gore ngwaga ono di wetse tlase gole gonnye fa go tshwantshanngwa le ngwaga oo fitileng,  mme a bolela fa bontsi jwa bomme ke e le batswa setlhabelo mo dikgannyeng tsa petelelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Molapowabojang

Event : Letsatsi la metshameko

Date : 08 Dec 2024