Breaking News

Kago ya tsela ya Mmokolodi e tsweletse

08 Dec 2024

Kago ya tsela ya Mmokolodi e e simolotsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele monogwaga, e solofetswe go wediwa kgwedi ya Lwetse ngwaga o tlang (September 2025).

Tona wa Lephata la Dipalamo le Dikago, Rre Noah Salakae o tlhalositse fa tshimolodiso ya kago ya tsela e ne ya diiwa ke mabaka a tse di amanang le ditumalano (contractual process.) 

Tona Salakae o supile fa go ne go le botlhokwa gore go konetelelwe ditumalano pele tiro e ka simolodisiwa.

Ka jalo, lephata le mo maikaelelong a go lekodisa banni ba Mmokolodi ka seemo se pele ga kgwedi ya Sedimontlhole e wela monongwaga fela jaaka e le taolo ya Environmental Assessment Act.

Tona a re maikaelelo a phuthego e, e tlabo e le go lekodisa banni gammogo le go rerisana le ba ba tshwanetseng go sutela ditlhabololo tse.

“Nka tlhalosa gore ha godimo ga se, go tlaa nna le tekodiso ya ba-tsaya-karolo botlhe ba ba amegang dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo fa tiro e ntse e tsweletse. Tona Salakae o ne a araba potso ya ga Mopalamentse wa Gabane/Mmankgodi, Rre Kagiso Mmusi yo a neng a eleditse go itse ka seemo sa kgao ya tsela e e yang kwa dikgotleng go tswa mo tseleng ya A1 gaufi le Kgale go ya kwa kgotleng ya Mmankgodi.

Mo mabakeng ao, Mopalamente Rre Mmusi o ne a batla go itse se se bakileng tiego ya go simolodisa tsela e e saleng e abetswe khamphani ya Phagastin Project ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le lesome monongwaga.

Kago ya tsela e, e solofetswe go dirwa ka P111 498 837. Mopalamente o ne a batlile go itse gape gore lephata le ikaeletse go itsise banni ba Mmokolodi leng ka seemo se. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Palamente

Date : 08 Dec 2024