Breaking News

Kereke ya Holiness e otlolola letsogo

05 Dec 2024

Mokhanselara wa kgaolo ya New Stance, Rre Timothy Sejankabo o akgotse ba kereke ya Holiness Church in Botswana go bo ba abetse batlhoki, le balwetse ba ba okelwang kwa malwapeng dijo.

Kereke e ne ya abela malwapa a le masome a mararo le bongwe dijo ka mefuta le melora e e tlhapang.

E rile a ba ema ka lefoko, Rre Sejankabo o ne a tlhalosa fa kereke e dira thomo ya modimo ya go tlhokomela morafe ka go bona gore ba nna le dijo le go ba sidila mo semoweng.  

Rre Sejankabo o ne a tlhalosa fa ba kereke ya Holiness  ba sa itebaganya le go rapela mmogo fela mme e le lelwapa la motheo wa Modimo, ka lorato le kutlwelobotlhoko di fitlhelwa mo go bone.

O kaile fa setshaba se lebanwe ke kgatelelo ya maikutlo le manokonoko a letlhoko la ditiro mme go tlhoka dikereke go ba ema nokeng ka nako tsotlhe.

Mo go wetseng mafoko a gagwe, Rre Sejankabo o ne a ba rotloetsa go tswelela ba thusa mme a kgotlhatsa dikereke tse dingwe go tsaya malebela ka puso e ka se kgone e le nosi.

E rile a tswa la gagwe, moeteledipele wa kereke ya Holiness mo kgaolong ya New Stance, Apostle Dr Israel Keletso o ne a tlhalosa fa ba aba ka ntlha ya lorato la Modimo le le mo go bone.

Apostle Keletso o kaile fa go aba e le nngwe tsela ya go tlotla Modimo ka jalo e setse e le ngwao ya kereke ya Holiness go re ngwaga le ngwaga ba abela ba ba tlhokileng lesego dijo tsa keresemose.   

O ne a re se se dirwa ka lorato ke bakaulengwe ba kereke ka ba ntsha madi mo dipateng tsa bone ka thotloetso ya komiti ya kutlwelo botlhoko ya mo kerekeng.

Apostle Keletso o ne a tlhalosa fa kereke e na le maikarabelo a go tlhomamisa gore batho ga ba kokonelwe ke manokonoko a lehuma le ntswa go na le ka fa ba thusang ka teng.

O ne a tlhalosa fa tiro e nngwe e tona e kereke e neng ya e dira e le ya go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana  ba masiela ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi mme e bile bangwe ba bone ba setse ba le kwa dikolong tse dikgolwane fa bangwe ba setse ba nyetswe.

A re seo ke tiro ya mokeresete mongwe le mongwe go tsaya maikarabelo a go tsibogela diemo tse ba bonang di gomagometsa matshelo a batho.

Modulasetilo wa lekalana la kutlwelo botlhoko, Mme Tebogo Gotlop o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore mokeresete a nne le lorato la go bona motho yo mongwe a tshela sentle.

Mme Gotlop o kaile fa batho ba sa lekane ka itsholelo mme e bile bangwe ba sa kgone go itirela ka ntlha ya diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone jaaka malwetse.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba tshwaraganetse tiro e, le khansele ya toropo ya Selebi Phikwe ka ba ne ba sala ditsamaiso tsotlhe morago tsa go batla ba ba ka ba thusang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Kabo dimpho

Date : 05 Dec 2024