Tshware o lebogela pompo ya metsi
05 Dec 2024
Bomme ba lekgotla la kabo ditsha la Tati ba sa tswa go rurifatsa mafoko a a reng mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng le gore mosadi ke thari ya setshaba ka go aba.
E rile ka Laboraro, bo mme bao, ba abela Mme Sthembile Tshware wa mo-na le bogole kwa Ramokgwebana kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba pompo ya metsi e e goketsweng ka madi a a kanang ka P 1 650.
Mo godimo ga mpho ya pompo, bomme bao, ba ne ba abela Mme Tshware dijo tsa tlhwatlhwa ya P350, ba bo ba mo abela P100, mme ba ba neng ba tsene kabo dimpho eo, ba kgobokanyetsa mme yoo P280.
Bomme ba lekgotla la kabo disha ba dirile seo ka go ikanapa mo dikgwatlheng, mongwe le mongwe wa bone a ntsha bonyenyane jo a neng a bo kgona.
Fa a tshwaela tebang le kabo ya dimpho tseo, mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Mme Boikhutso Nshakazhogwe-Masunga o boletse fa lekalana la bomme ba lekgotla leo, le le tlhamilweng ka 2019, le diragatsa maitlamo a puso ya lefatshe leno, ya go nna le tshaba e e kutlwelo botlhoko.
Mme Nshakazhogwe-Masunga o boletse fa lekalana la bomme ba lekgotla leo, ba leka bojotlhe go dira sengwe ngwaga le ngwaga, ka maikaelelo a go dira pharologanyo mo matshelong a bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
A re ba thusitse Mme Tshware morago ga go ikgolaganya le ba lephata la boipelego la khansele ya Bokone Botlhaba go ba tlhophela mongwe yo ba ka mo thusang monongwaga.
Mme Nshakazhogwe-Masunga o akgotse kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation ka go atla le go tsibogela kopo ya bone ya kgokelo ya metsi kwa lwapeng la ga Mme Tshware ntle le tiego epe, a bo gape a lebogela go bo Kgosi ya Ramokgwebana, Kgosi Mollen Dube a ne a ba letlelela go tla go fetola botshelo jwa mme yoo.
Fa a lebisa mafoko kwa go bomme ba lekgotla la kabo ditsha la Tati, Mme Nshakazhogwe-Masunga o ne a ba phophotha legetla mo tirong e ba e dirileng, a supa fa seo e tlaa nna sekao mo bangweng.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, leloko la lekgotla la kabo ditsha la Tati, Mme Fatima Makgethe are ba rurifaditse mafoko a a reng go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, a re ba tshwanetse go nna motlotlo go bo ba kgonne go diragatsa maitlamo a bone ka bonyenyane jo ba neng ba na le jone le magareng ga dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone.
A re seo se rurifatsa gape ntlha ya gore go le gantsi fa go na le diemo tse di thata, bomme ke bone ba ntlha go tsiboga.
Mo mafokong a malebo, mokhanselara wa Ramokgwebana/ Jackalas No. 1 Rre Morapedi Mafohla o ne a akgola tiro e e dirilweng ke bomme ba Tati Land Board, a re e tlaa thusa Mme Tshware go kgona go dira sengwe le sengwe se se tlhokang tiriso ya metsi go akarediwa le go jwala maungo mo lwapeng.
Mme Tshware o ne a leboga go menagane tiro e a e diretsweng ke bomme ba lekgotla la kabo ditsha la Tati, a ba gwetlha go tswelela ba direla ba bangwe fela jaaka ba mo diretse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Ramokgwebana
Event : Kabo dimpho
Date : 05 Dec 2024