Seleka o tshwareletse bogosi kwa Borobadilepe
03 Dec 2024
Banni ba Borobadilepe kwa kgaolong ya Morolong ba tlhophile Rre David Seleka go tshwarelela bogosi jwa motse wa bone fa Kgosi Mogakolodi Seleka a santse a ile go ikoketsa dithuto.
Moemedi wa boora Seleka, Rre Petrus Seleka o boletse mo phuthegong bosheng, fa ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba dumalana gore Rre Seleka e nne ene a tshwarelelang setilo sa bogosi e le kgosana ya tetlanyo.
O tlhalositse gore ntswa le fa e le ene mong wa setilo, o ne a kopa monnawe e bong Kgosi Seleka go mo tshwarelela ka le ene a santse a tshwerwe ke tiro.
A re mo nakong ya gompieno, Kgosi Seleka o tlamega go ya sekolong ka lepotlapotla, mme seo, se mo tlhokisitse sebaka sa go laela morafe le go ba rolela yo o tlaa salang a ba tlhokometse.
Ke ka moo, ba lelwapa ba tsereng tshwetso ya gore monnawe yo mongwe, e leng Rre Seleka a tshegetse setilo sa bogosi.
Mo dikakgelong tsa bone, banni ba motse oo ba ne ba supa fa ba amogela Kgosi Seleka ka diatla tsoo-pedi.
Mongwe wa banni Rre Dikabelo Seikiso o boletse fa Kgosi Seleka e le ngwana wa bone ba mo itse mme a solofetsa fa ba tlaa bereka le ene sentle.
Mme Keamogetse Sekeleko ene o ne a akgola boora-Seleka go bo ba supile kgosi, a re ba diretse morafe tiro motlhofo go itsa ketsaetsego.
Mme Sekeleko o ne a tlatsa ka gore kgosi o tlaa bona kemo-nokeng e e maleba go tswa mo morafeng wa gagwe.
Rre Otsisitswe Mosiame yo gape e leng ralekgotla kwa motseng oo wa Borobadilepe, o kgothaditse kgosi go bereka le bone gore a kgone tiro ya gagwe.
Moemela-kgosi yo mogolwane go tswa kwa kgotleng-kgolo ya Barolong kwa Good Hope, Kgosi Mompati Marumoloa yo o neng a buisa phuthego eo, o boleletse morafe wa Borobadilepe fa ka tsamaiso, Kgosi Seleka a ne a tshwanetse a ka bo a ba roletse motho yo o tla salang le morafe.
Kgosi Marumoloa a re ka jaanong kgosi a ne a le mo lebelong go ya dithutong, o ne a seka a bona nako ya go dira jalo, mme se, sa tlama morafe go supa yo o ka mo tshwarelelang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Borobadilepe
Event : Phuthego
Date : 03 Dec 2024