Lotsane Football Social Club e agela motlhoki ntlu
03 Dec 2024
Maloko a mokgatlho wa Lotsane Football Social Club ba tshwaragane le barutabana ba sekole sa Lotsane ba agetse Mme Gabalemoge Kemmonye le ba lelwapa la gagwe ntlo le ntlwana ya boiteketso kwa kgotleng ya Extension 9 kwa Palapye.
Fa a bua kwa tirong ya go rola ntlo eo semmuso, mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto go tswa moding le tlhokomelo ya bana, Mme Didimalang Mmemo o ne a leboga ba mokgatlho wa Lotsane Football Social Club go bo ba dirile tiro e ntle ya go thusa ba lelwapa la ga Mme Kemmonye ka go ba agela bonno.
O tlhalositse fa lephata la bone le sa tswa go fetolwa, mme la itebanganya le go tlamela ngwana, are se mokgatho o se dirileng se lebaganye le se lephata le batlang go se fitlhelela.
Are ntlo e, e agilwe morago ga gore maloko a kuelwe mokgosi ke mongwe wa badiri ba sekole se se golwane sa Lotsane, a supa fa baagisanyi ba gagwe ba tshelela mo seemong se se bokete e bile mongwe wa ba lelwapa leo e le moithuti kwa sekoleng seo.
Ka jalo, are go tshwanetse gore ngwana a nne le bonno jo bontle e bile a tlhokomelesega gore a kgone go fitlhelela bokamoso jo bo haphegileng
A re fa ngwana a nna sentle e bile a itumela, thuto e tsena sentle mo go ene.
Mme Mmemo o ne a tlatsa ka gore ntlo eo, e tlaa fa Mme Kemmonye le ba lelwapa la gagwe seriti, a bo a ba kopa go tlhokomela mpho e ba e filweng.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Lotsane Football Social Club, Rre Kebalepile Ditso o ne a supa fa ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba agele Mme Kemmonye ntlo ba lebile seemo se ba tshelelang mo go sone.
Are tiro ya go aga ntlo ba e lgonne ka go kopa dithuso mo bathong ka go farologana, e bile a supa fa ba ne ba nna lesego mme ba bona moagi yo o neng a seka a ba duedisa sepe se se kalo.
Ke jalo o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go thuseng ka tse di neng di tlhokafala go aga ntlo eo.
Mogolwane go tswa kwa sekoleng sa Lotsane, Mme Constance Onkabetse o ne a leboga mongwe wa badiri ka bone yo o neng a tsaya boikarabelo jwa go bona gore o kopela moagisanyi wa gagwe thuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Dec 2024