Air Botswana e ema nokeng sekole sa Pitikwe
02 Dec 2024
Mookamedi wa tsa semolao kwa Air Botswana,. Mme Muyombuya Ngubula a re tlhaelo ya madi ke kgwetlho mo dikoleng tsotlhe go akaretsa sekole sa Pitikwe a re seo, se ama tokafalo ya maduo.
Mme Ngubula o buile jalo ka Labotlhano kwa Lobatse mo moletlong wa dijo tsa maitseboa o o neng o dirilwe ka maikaelelo a go kokoanyetse sekole sa Pitikwe madi go leka go itebaganya le dikgwetlho tse sekole se nang le tsone.
Mme Ngubula are morago ga go ipha nako a etetse sekole seo, o itemogetse fa matlwana a borutelo a se mo seemong se se itumedisang ga mmogo le ntlo-lehalahala ya sekole seo.
O tsweletse ka gore setlhogo se se reng: Go Aga Ngwana o Fiwa Bokamoso Jwa Tlhwatlhwa, se gwetlha ba tsaya karolo botlhe go thusa ka tsotlhe gore ngwana a atlege.
O boletse fa batsadi ba tshwanetse go tsaya karolo go ikgolaganya le lephata la thuto go thusa, a kaya fa barutabana ba tlhoka go rotloediwa le go tlhabololwa.
Mme Ngubula o boletse gape fa kgwetlho ya letlhoko la madi e ka kgonwa ke botsalano kgotsa go ikgolaganya le makalana a ikemetseng, puso, batsadi le setshaba se ngwana a golelang mo go sone.
O tsweletse a re le fa gona le dikgwetlho, barutabana ba tshwanetse go ntsha maduo e le gone go arogana dikitso tse di tlaa fetolang matshelo a baithuti mo go faphegileng.
Mo go tse dingwe, are baithuti ba tshwanetse go rotloediwa go bala, a re seo seka thusa ngwana mo isagong.
Mme Ngubula a re Air Botswana e tlaa tswelela e ikgolagantse le sekole sa Pitikwe go tokafatsa maduo.
O ne a abela sekole dibokose diferabongwe tsa dibuka tse di balwang kwa motlobong wa dibuka letse ditlaa thusang barutabana go tlhatlhela bana ka tsone.
Modulasetilo wa komiti ya School Patnership ebile e le morutabana mo Pitikwe, Mme Tumisang Masilompana o boletse fa ba lebanwe ke dikgwetlho go ntsha maduo a a itumedisang.
A re ba kopa makalana a a ikemetseng le dikhampani go ba thusa, a re tikologo ya sekole ga e itumedise e bile e kgoba baithuti marapo.
Mme Masilompana a re ba nale mananeo a le mmalwa a ba eletsang go a dira mo ngwageng o o tlang ba bereka le komoti ya batsadi le barutabana bogolo jang ka madi a sekole.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Themba Setimela o lebogetse seabe sa Air Botswana a bo a kopa gore ba tswelele ka thotloetso ya bone.
Rre Setimela are sekole sa Pitikwe se dira sentle le fa se lebanwe ke tlhaelo ya didirisiwa.
A re mo toropong ya Lobatse, se tsaya maemo a bobedi, mo kgaolong ya borwa maemo a boraro mme lefatshe ka bophara se tsaya maemo a boferabongwe. Ends
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Moletlo
Date : 02 Dec 2024