Breaking News

Go lwantsha kgokgontsho go batla metlhale e mesha

02 Dec 2024

Setshaba se gakolotswe go tla ka metlhala e e farologanyneg ya go lwantsa kgokgontsho.

Se se builwe ke Dr Maude Dikobe kwa moletlong wa malatsi a le lesome le borataro, a go itebaganya le dikgang tsa kgokgontsho mo go bomme le bana.

Dr Dikobe a re bodiragatsi jwa metshameko le moopelo di nonofile go tsibosa ka kgokgontsho.

A re mo dingwageng tseno mogwanto le o ne o dirisiwa mo ntweng kgathanong le kgokgontsho ya bomme le basetsana.

 Dr Dikobe a re setlhogo sa letsatsi se se reng: Siana go emisa Kgokgontsho ya Bomme le Basetsana, se tlhalosa gore fa e le sesupo sa gore ditsela di dintsi tsa go thibela le go tsibosa ka kgokgontsho.

A re gole gantsi go bewa fela mo molaong gore ke o ne oka diragatswang mo kgokgontshong ntswa go sa lekana.

Dr Dikobe a re go a hakgamatsa go bona modira molato yo bolaileng motho a fiwa tshiamelo ya go letela tsheko ale kwa ntle, a supa gore mo ke go ikgatholosa ditshwanelo tsa motswasetlhabelo.

A re batho baba falotseng kgokgontsho ba tshelela mo kgokgontshong.

Dr Dikobe o tlhalositse fa kgaolo nngwe le nngwe ena le mofuta  wa kgokgontsho, a kaya fa dipatlisiso di supa fa kgaolo ya Palapye e tshabelelwa ke melato ya borre ba ba tlhakanelang dikobo le bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro.

A re dipatisiso tsa United Nations di supa fa botaki boka dirisiwa go ritibatsa maikutlo a batswa setlhabelo.

 Mogolwane wa BONELA, Mme Cindy Kelemi a re maikaelelo a letsatsi ke go tsibosa setshaba ka kgokgontsho ga mmogo le go abelana maele a go e lwantsha.

Mme Kelemi a re gape ke go kopana le ba-na-le-seabe botlhe go netefatsa gore ba tsaya karolo mo ntweng kgathanong le kgokgontsho ya bomme le basetsana.

A re ke letsatsi le ka lone ba lebang kwa morago go bona tse ba di fitlheletseng mo maitekong a bone a go lwantsha kgokgontsho.

Mothusa Molaodi wa kgaolo ya Palapye, Rre Tsholofelo Molobe o gwetlhile ba-na-le-seabe ka kakaretso go tshwaraganela go lwantsha kgokgontsho. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 02 Dec 2024