Breaking News

Ba gwetlhiwa go ikitaya ka thupana

02 Dec 2024

Dibui ka go farologana di tlhalositse fa dipalo di supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela malwetsi, selo se ba boletseng se na le seabe mo go folodiseng maiteko a puso a go fokotsa go anama ga mogare wa HIV ga mmogo le go lwantsha malwetse a mangwe.

Dibui di tlhalositse se, kwa Mosojane ka Tshipi, jaaka fa morafe o ne o phuthegile go tla go tsaya molaetsa wa segopotso sa letsatsi la mafatshefatshe la HIV/AIDS.

Mothusa molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Kebadiretse Badubi o ne a gatelela botlhokwa jwa go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana. 

Are se, se thusa  ope yo o amegileng gore a kgone go tsaya kalafi e e maleba ka nako.

Mme Badubi o ne a itsise ba tsena bokopano fa go fitlhelwa ka mogare wa HIV ese katlholelo loso. 

O tlhalositse fa  nako e gorogile ya gore batho ba bue ka HIV/AIDS ba phutlhologile mme e bile ba seka ba kgetlhololwa ka gope.

A re motho yo o tshelang ka HIV o na le tshwanelo fela jaaka mongwe le mongwe.

 E ne e rile a amogela baeng mo kgotleng, Kgosi Sibangani Mosojane a supa fa puso e leka bojotlhe go lwantsha bolwetse jwa HIV/AIDS, are mo dingwageng tse di magareng ga 1995 le 2000 bolwetse joo bo ne bo gapa matshelo a batho mo lefatsheng leno ka dipalo tse di kwa godimo.

A re tautona wa pele wa lefatshe leno, ebong Rre Festus Mogae o tshwanetse a lebogelwa go bo a ne a dira tiro ya go nna le phitlhelelo e kgolo ya go simolodisiwa ga dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV.

Le fa gontse jalo, Kgosi Mosojane o ne a kgala dikereke le baruti bangwe ba ba neng ba batla go tlogedisa batho dipilisi ka mabaka a gore ba tlaa ba fodisa.

A re batho ba tshwanetse ba itse fa dipilisi tseo, di le botlhokwa thata, ka jaana di thusitse go lelefatsa matshelo a batho ba le bantsi. Are batho ba nne ka tsholofelo ya gore gongwe mo tsamaong ya dingwaga, bolwetse jwa HIV/AIDS bo tlaa bona kalafi.

Kgosi o ne a kgalema mokgwa wa gore e re motho a tshwerwe ka mogare wa HIV kgotsa balwetsi bope fela, a bo a ikatlholela loso ka go ikgaphela botshelo mme go na le se a neng a ka se dira gore a kgone go tshela ka lobaka.

Kgosi Mosojane a re ke nako ya gore mongwe le mongwe a tseye boikarabelo jwa go lwantsha mogare wa HIV ka ditsela tsotlhe tse di kgonagalang.

O ne a kgalema botlhe ba ba thotheletsang kgokgontsho ya bong.

Mo mafokong a malebo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosojane, Rre Robert Morupisi o ne a lebogela fa motse wa bone o ne wa tlhophiwa go tshegetsa bokopano joo, ka jalo a rotloetsa banni go tsenya letsogo mo dithulaganyong tsa tiro epe e e tshegediwang mo motseng.

Rre Morupisi o ile a rotloetsa batho go tsaya tsia melaetsa e ba e fiwang tebang le bolwetse jwa AIDS gore ntwa kgatlhanong le jone e fenngwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mosojane

Event : Segopotso

Date : 02 Dec 2024