Breaking News

Kgosi Mphoeng o boetse bogosing

02 Dec 2024

Kgosi Mphoeng Mphoeng wa Mmadinare o tsere setilo sa gagwe sa bogosi morago ga dingwaga di robabongwe.

Kgosi Mphoeng o ne a tlhongwa mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 2016 ke motshwarelela bogosi jwa GaMmangwato Kgosi Serogola Seretse, mme e ne ya re morago a ya go ikoketsa dithuto.

Mo bo seyong jwa gagwe, Kgosi Mphoeng o ne a tshwarelelwa  ke mmaagwe e bong Kgosi Maureen Mphoeng go fitlha ngwaga ono.

E rile a buisa morafe wa Mmadinare bosheng, Kgosi Mphoeng o ne a leboga banni ba Mmadinare go bo ba mo godisitse ka lorato morago ga go tlhokafalelwa ke rraagwe a santse a le mmotlana.

Kgosi Mphoeng o tlhalositse fa a itumeletse go bo a boile go berekela morafe wa gagwe morago ga lobaka a seyo, mme a kopa morafe go tswelela ba mo ema nokeng jaaka ba ne ba dira ka mme mmaagwe.

Kgosi Mphoeng o ne a tshepisa morafe wa Mmadinare fa a tla a tsweledisa fa mmaagwe a emeng teng, a bereka mmogo le borangwanaagwe le morafe gore fa a timelang teng ba bo ba mo gakolola.

O kaile fa ana le maitlamo a a ipeileng pele a go tshwaraganya morafe wa Mmadinare mme a  tlaa dira jalo ka morero.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Serogola Seretse o ne a kopa Kgosi Mphoeng go tlhokomela morafe wa gagwe le go seka a tsaya matlhakore, a mo rotloetsa go  tsaa batho ka tekatekano.

Kgosi Seretse o kaile fa tiro ya bogosi e tlhoka botlhale ka ba le bantsi ba tlaa tla ka dikgang tse di farologaneng kwa go ene mme go le mo go ene gore o di amogela jang gore di seka tsa felela di kgaogantse morafe.

O ne a rotloetsa Kgosi Mphoeng go ikgapha mo dikgannyeng tsa sepolotiki ka di ka felela di thubile morafe, a ka ya fa kgotla e le lefelo le go reriwang dikgang tsa motse le mananeo a puso.

O kaile fa kgosi e le sesana se go gamolelwang mala mo go sone mme ene o tshwanetse go tsepama mo boammaaruring.

Kgosi Seretse a re mekgwa le tsamaiso ya Setswana ga e a tshwanela go itlhokomolosiwa ka ele yone e agileng lefatshe.

O ne a kopa borangwaneagwe kgosi go tswelela ba mo eme nokeng, a kaya fa tiro ya bone e le go gakolola le go tlhamalatsa dikgang tse go lebegang di ka tsisa tlhakatlhakanyo mo morafeng.

E rile a ema kgosi ka lefoko, mongwe wa dibui Rre Moses Seeletso o ne a kgothatsa Kgosi Mphoeng go nna mohumi wa morafe wa gagwe ka se se ka dira gore ba tswelele ba motlotla le go mo rata.

Rre Seeletso o ne a mo kgothatsa go bereka le dikgosana tsa motse wa gagwe,  ba tshwaraganele go lwantsha borukhutlhi le botlhoka tsebe jwa bana ba Mmadinare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadinare

Event : Peo ya kgosi

Date : 02 Dec 2024