Borre ba rotloeditswe go itshekatsheka
01 Dec 2024
Molaodi wa toropo ya Jwaneng, Rre Goleba Kgari o kopile borre go sekaseka boitshwaro jwa bone e le ntlha nngwe ya go fokotsa dipalo tsa kgokgontsho ya bomme le bana.
A re e re ntswa go na le borre ba ba kgokgontshiwang, dipalo di supa fa banna e le bone tshosoerweleng fa go tla mo dikgannyeng tsa kgokgontsho.
Rre Kgari o buile jalo kwa thutuntshong ya lekgotla la Men Sector e e neng e kopantswe le thuto-puisanyo ya kgokgontsho ya bong ka Labobedi. Maikaelelo magolo e ne e le go tsosolosa lekgotla la Men Sector la kgaolo ya Jwaneng, gammogo le go rutuntsha borre ba toropo eo ka dikgang tsa kgokgontsho gore ba tsee karolo ba bo ba arogane dikitso le borre ba bangwe go fokotsa masula ao.
Rre Kgari a re e re ntswa a lemoga gore gantsi borre ba a bo ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya maikutlo fa ba kgokgontsha, go botlhokwa gore ba ithute go laola maikutlo go itsa ditshwetso tse di ka bayang bomme le bana mo diphatseng. O ba rotloeditse gore ba ithute go tshela le dikgwetlho ka go nna le tsholofelo ya gore ba tlaa di fenya, go na le go tsaya ditshwetso tse di sa siamang.
O ne a supa fa go le botlhokwa go ruta bana ba basimane le ba basetsana ka ditshwanelo le maikarabelo a bone ba sale bannye, e le tsela nngwe ya go ba baakanyetsa dikgwetlho tse ba tlaa kopanang natso fa ba gola.
O tlhalositse fa go sena ope yo o nang le tshwanelo ya go gataka ditshwanelo tsa ba bangwe ka go ba kgokgontsha mo e bileng fa gongwe go felela ka dipolao. A re go dira jalo ke molato o ba tshwanetseng ba ikgapha mo go one.
E rile a tswa la gagwe, moemedi wa khamphani ya Botswana University of Maryland School of Medicine Health Initiative, Mme Connie Malesela a tlhalosa fa go le botlhokwa gore borre ba dibele maikutlo a batho ba ba tshelang le bone gore go nne kagiso mo malapeng. O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore badiredi ba tsa botsogo ba ithute tlhaloganyo ya rre gore ba kgone go ba tlamela ka dithuso tse di maleba.
A re go le gantsi borre ba maoto a tshupa go dirisa mananeo a botsogo mme se se bakwa ke dintlha tse di farologanyeng. A re go ipha nako go kanoka mabaka a go ka thusa go tla ka mananeo a a ka fitlhelelang borre gongwe le gongwe kwa ba leng teng, e bile e le a ba a amogelang.
Mogokaganyi wa tsa botsogo mo kgaolong, Rre Kebonyemodisa Watota o ne a supa gore go tlhalosa ka botlalo maikarabelo le ditsholofelo tsa Men Sector go ka thusa go nonotsha dikgang tsa botsogo le gone go atolosa ditlhabololo mo kgaolong. A re go arogana kitso le gone go na le seabe mo go fokotseng dipalo tsa kgokgontsho, tse a reng di ile magoletsa kwa toropong eo.
Ka jalo, Rre Watota o tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba-na-le seabe ka go farologana ba thulanye ditlhogo ba tswe ka megopolo e e tlaa tsweledisang serodumo sa Men Sector le maikarabelo a yone. bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Mokgatlho wa borre
Date : 01 Dec 2024