Breaking News

Ba Letlhakeng ba ipelela ngwao

01 Dec 2024

Banni ba Letlhakeng ba kopilwe go tsosolosa ngwao ka e le ntlha e e botlhokwa  ya botshelo jwa bone.

Mafoko a, a boletswe ke kgosi Itsoseng Gaoonwe wa Letlhakeng ka Labotlhano kwa tirong ya go ipelela ngwao.

Kgosi o supile fa ba tshwara letsatsi la ngwao ka Labotlhano wa bofelo wa kgwedi ya Phatwe, a supa fa monongwaga ba ne ba nna le dikgwetlho tse di dirileng gore ba felele ba le tshwara ka kgwedi ya Ngwanatsele. A re ba simolotse go tshwara letsatsi le ka ngwaga wa 2016.

Tona wa Lephata la Motshameko le Botaki Rre Jacob Kelebeng, o tlhalositse fa  go ipelela letsatsi la ngwao e le go supa ka fa morafe o tshelang ka teng, a tlatsa ka gore jaaka letsatsi le le simolotse ka ngwaga wa 2016, mme ba solofela fa le tla a tshwarwa ngwaga le ngwaga.

Tona o tlhalositse gore merero ya ngwao e isitswe ka fa lephateng la dikgaolo le tsa ngwao jaaka dikgosi di ne di kopile, a bo a tlhalosa fa go ipelela ngwao ya Bakgaladi ba kgaolo ya Letlhakeng go le botlhokwa thata.

A re go ikgakologelwa gore le bomang le gore le tswa kae go botlhokwa.

Tona Kelebeng o ne a tlhalosa fa go na le merafe e e farologanyeng kwa Letlhakeng mme ngwao e le yone e ba kopanyang. O ne a ba kopa go tlotlomatsa ngwao le go itshetsa ka yone. O kopile banana go tsenelela moletlo le go sireletsa ngwao, a bo a ba tlhalosetsa fa e le baeteledipele ba gompieno eseng ba kamoso jaaka go ntse go buiwa.

Tona o supile fa batho ba mafatshe a sele ba kgona go kgatlhegela ngwao ya bone mme ba batle go kwala ka yone. A re ngwao e ka tlhama ditiro le go dira letseno le ba ka ba itshetsang ka lone. O ne a kopa ba-tsaya karolo go rotloetsa ngwao le bagwebi go thusa go godisa ngwao, a supa fa puso e ka se kgone ka nosi.

Lebutswapele, Rre Keosentse Gaogole o ne a tlhalosa dintlha dingwe tsa botshelo le ngwao ya bogologolo, a supa fa banna ba ne ba tshela kwa kgotleng, fa basimane ba ne ba nna kwa merakeng, ebile ba tswala ditshega.

Rre Gaogole o ne a supa fa kgosi e ne e bolotsa letsema ka kgwedi ya Lwetse mme go supiwe gore go seka ga rengwa ditlhare tsa mogonono, mokgalo le mosetlha ka e le moila, a re fa di rengwa go ne pula ya sefako.

A re fa letsema le bolotse, go ne go bololwa go iwa masimo go ya go lengwa. O ne a  tlhalosa fa ba ne ba kgalemelwa ka thupa ya moretlwa mo mokwatleng, a supa  fa go dira jalo e ne e le go alafiwa.

Mokhanselara Cast Mogolwane o ne a re ngwao ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe eseng jwa ga kgosi fela. O kopile morafe gore ba seka ba kopa ngwao esele mme ba tshele segabone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la ngwao

Date : 01 Dec 2024