Leeto la Belgium le atlegile
01 Dec 2024
Tautona Advocate Duma Boko a re loeto la gagwe kwa Belgium le dule maduo.
Fa bua le babegadikgang go garela loeto la gagwe, Tautona o boletse fa loeto le a ne a le tsaa mo diemong tse di bokete tsa theko ya diteemane, babeeletsi ba ba na le ketsaetsego.
Tautona Boko a re go tsenelela bokopano jwa ba-na-le seabe mo mhameng wa diteemane e ne e le go tsosolosa serodumo, le go tla go tlhalosa ka fa lefatshe la Botswana le setseng ditsamaiso tsa mhama o morago.
Are loeto le ne gape le mo file sebaka sa go itsise babeeletsi fa Botswana a buletse bagwebi dikgoro.
Tautona Boko a re o kopane le baetedipele ka go farologana, mo leetong la gagwe la ntlha kwa moseja, go ba itsese ka puso ya gagwe le go netefatsa fa Botswana a tla a tswelala a dirisanya le mafatshe a mangwe.
“Re ntshitse molaetsa o botlhe ba o itumeletseng, babeeletsi ba diteemane, le ba e seng babeeletsi. Mme se se tla re thusa go fitlhelela dikeletso le ditsholohetso tse re di dirileng,” ga bolela Tautona.
A re go bo lefatshe la Botswana le filwe boikarabelo jwa go sekaseka diteemane kgotsa go tlhomamisa boleng jwa diteemane, ke kgatelopele e kwa godimo thata. A re lefatshe la Botswana gape le lemogilwe fa le itlhomile kwa pele go rurifatsa diteemane tse di tswang kwa mafatsheng a mangwe.
“Se se gatelela serodumo se se kwa godimo sa boeteledipele, le kitso mo diteemaneng ka re tswa kgakala le mhama o.”
Adv. Boko o gateletse gore go tlaa dirwa go le gontsi gore Batswana ba rutiwe gore ba nne le dikitso tsa go sekaseka boleng le tlhwatlhwa ya teemane. A re e tlaa nna kgatelopele ka jaana diteemane di na le go rekwa ka tlhwatlhwa e kwa tlase, e re di tlola molelwane e be ditlhwatlhwa di oketsega.
A re dikitso tsa go phepafatsa le go dirisa teemane di tshwanetse go rotloediwa, le gore babeeletsi ba dire madirelo a go nna jalo mo Botswana.
“’Ga go a tshwanela gore madirelo a diteemane a nne kwa ntle ka jaana ke tsone tse di ka fetlhang ditiro,” ga buwa Tautona.
Mo loetong le, Tautona o ne a bontshiwa dikago tsa Antwerp World Diamond Centre (AWDC), tse e leng boremelelo jwa go sekaseka le go netefatsa boleng jwa diteemane. O ne gape a kopana le Tonakgolo wa Belgium, Mr Alexandra De Croo kwa bothokong.
A re o mo tlhaloseditse fa Botswana a butse dikgoro go amogela bagwebi go tswa kwa Belgium.
O ne a kopana le Rre Charles Michael moeteledipele wa European Union Council, lekgotla le le dirianyang le Botswana mo mererong ya ditirisanyo tsa mafatshe bogolo jang tse di amang lekgotla la SADC.
Tautona o nnile le sebaka sa go bona madirelo a matona a ditemane a Diamcad a a tlwaelesegileng ka go phatsimisa diteemane. Madirelo a ke one a teemane ya Lesedi La Rona e phatsimisitsweng teng.
Tautona le bagolwane ba bangwe ba puso ba ne ba kopana le moeteledipele wa De Beers, Rre Al Cook kwa bothokong.
Tautona o ne a patilwe ke Mohumagadi wa gagwe, Mme Kaone Boko, tona wa merero ya mafatshe a sele, Dr Phenyo Butale le tona wa merero ya ditswammung le kgotetso, Mme Bogolo Kenewendo le bagolwane ba bangwe ba puso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Brussels
Event : Potsolotso
Date : 01 Dec 2024