Breaking News

Lerotse le na le bokgoni jwa go tlhama mebereko

28 Nov 2024

Ba Khamphani ya AAA Farm kwa Gakuto ba re ba iponetse motlhala wa khumo e leng go itshetsa ka lerotse.

Khamphani e e simolotse ka 2020, mo gare ga manokonoko a leroborobo la mogare wa COVID-19.

Mosimolodisi wa yone Mme Lere Tapologo a re le fa e remeletse kwa Gakuto, madirelo a a faphegileng a yone a kwa Tlokweng kwa ba dirang dijo tse di feletseng tsa lerotse.

Mme Tapologo a re ba ikaegile ka lerotse go dira mefutafuta ya dijo tse di dirilweng ka lone kgotsa di na le tatso ya lerotse mme di le mo seemong sa go ka rekisiwa gongwe le gongwe.

“Re dira dimonamone ka mefuta ka lerotse, dikukisi, senkgwe sa lerotse, lengangale, kgodu, kuku ya lerotse, jeme, senotsididi sa lerotse, mofine wa lerotse jalo jalo,” ga bua Mme Tapologo.

A re ba rotloeditswe ke ba Botswana Innovation Hub ka lekalana la bone la Innovation Fund ba ba itebagantseng le go tlhabolola dikitso.

“Re ne re tseneletse pitso ya dikitso tsa mo gae di tshwerwe ke ba Botswana Innovation Hub mme rona re itebagantse le dijo tsa Setswana e leng lerotse,” ga bua Mme Tapologo.

Mme Tapologo a re ba setse ba na le babereki ba le batlhano mme maikaelelo magolo ke go oketsa bodiredi le madirelo fa 2025 a rogwa.

A re lebaka legolo la go godisa bodiredi le madirelo ke gore ba mo kgatelelong ya baji-bareki ba ba rekang dijo tsa lerotse ka dipalo tse di kwa godimo, ka jalo go botlhokwa gore ba emelelane le go thusa bareki ka botswapelo.

Mo godimo ga moo, Mme Tapologo a re keletso ke go tlhoma madirelo a a feletseng gore ba kgone go lema ba bo ba feleletsa sengwe le sengwe gone kwa tshimong ya Gakuto go na le go simolola ba isa lerotse kwa Tlokweng go ya go dira dijo tse di feletseng.

Dijo tse tsa lerotse, Mme Tapologo a re di ratwa thata le kwa mafatsheng a a tsididi jaaka bo Jeremane le a a mabapi jaaka bo Afrika Borwa ba e bileng ba reka go le go ntsi ba bo ba pega mo difofaneng.

Mme Tapologo a re ipapatso ya maranyane ke yone seikokotlelo sa khamphani ya bone gore e itsege lefatshe ka bophara.

“Ke rotloetsa Batswana gore ba leme lerotse ka bontsi, ba le tlhokomele le seka la nna le dintho le seka la jewa ke dilo ka gore re batla le le nonofileng e bile le babalesegile ka gore le dira dijo,” ga bua Mme Tapologo.

Mme Tapologo o ne a kopa balemi gore ba ikgolaganye le ba AAA Farm pele ga ba ka lema lerotse gore ba tle ba ba tlhalosetse gore ba batla mofuta ofe wa lerotse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 28 Nov 2024