Tshwaragano e ka fenya mogare
28 Nov 2024
Tshwaragano ya puso le makalana a ikemetseng e botlhokwa go nonotsha maiteko a go fenya ntwa kgatlhanong le HIV le AIDS, segolo jang mo nakong eno e go begwang kgolo ya dipalo tsa mogare o mosha.
Mo dingwageng tsa maloba, makalana a a ikemetseng a akaretsa molomaganya-ditirelo wa Botswana Network For People Living With HIV/AIDS (BONEPWA), BOCHAIP, Tebelopele, BOSASNET, BUMMHI, BONELA le a mangwe a a neng a dira ka natla go ema nokeng maiteko a puso a go boloka matshelo a batho fa HIV/AIDS e ne e apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba.
Mme le mo nakong eno mangwe a makalana a santse a tsweletse ka maiteko a go thusa go fenya segajaja.
Molomaganya-ditirelo wa BONEPWA wa kgaolo ya Tsabong Mme Onalenna Wadikgosi o boletse mo potsolotsong bosheng fa ba tshegeditse maitlamo a bone a go nna le seabe se se bonalang mo ntweng kgatlhanong le HIV/AIDS.
Mme Wadikgosi a re ka tshwaragano le ba lephata la botsogo le lekalana la Tebelopele, BONEPWA e mekamekane le tiro e kgolo ya go rotloetsa batho ba ba tshelang ka mogare go tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare ka fa go tshwanetseng ka teng, a supa fa gape ba ba fa tshidilo maikutlo le gone go ba ruta ka ditshwanelo tsa bone, segolo jang tebang le dikgang tsa kgethololo ka ntlha ya seemo sa bone sa mogare.
E ntse e le maiteko a go lwantsha HIV/AIDS kwa kgaolong ya Tsabong, Mme Wadikgosi o akgoletse banni ba kgaolo eo ba ba tshelang ka mogare go bo ba bopile mekgatlho e ka yone ba emanang nokeng.
A re mekgatlho eo e thailwe kwa metseng e e farologanyeng ya kgaolo e akaretsa Tsabong, Omaweneno, Kisa, Maralaleng le Werda, mme maikaelelo mangwe a yone e le go thusa go rotloetsa go tsaya dipilisi.
Mme Wadikgosi o boletse gape fa mekgatlho e mengwe ya botlhokwa e e bopilweng e le ya banana ba dingwaga tse di farologanyeng, mme a kaya fa e fa banana sebaka sa go phuthologa ba buisana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo mabapi le go tshela ka mogare wa HIV.
Mo godimo ga maiteko a makalana a tshwana le la BONEPWA, Batswana bangwe ba ba tshelang ka mogare mme ebile ba dule phatlalatsa ka seemo sa bone, le bone ba tsweletse ka go nna e seabe mo ntweng kgatlhanong le HIV/AIDS.
Mme Ningar Babeile wa motse wa Kisa mme a tshela ka mogare a re ene le bangwe ka ene ba ba tshelang ka mogare kwa motseng oo ba ne ba simolodisa mokgatlho go emana nokeng ka 2016 ka thotloetso ya BONEPWA.
A re tiro e kgolo ya mokgatlho wa bone ke go rotloletsa bangwe ka bone go nwa dipilisi tsa ARV ka fa go tshwanetseng ka teng go sireletsa botsogo jwa bone.
Mme Babeile a re mokgatlho wa bone o rotloetsa batho go sa ikamanye le sepe se se ka bayang botsogo jwa bone mo diphatseng, a re ba ruta ka borai jwa mekgwa e tshwana le go nwa bojalwa le go goga motsoko mo botsogong e seng fela jwa batho ba ba tshelang ka mogare.
Go ya ka molomaganya-ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS kwa kgaolong ya Tsabong Mme Cathrine Molomo go nnile le koketsego ya dipalo tsa mogare o mosha go simolola ngwaga o o fetileng, selo se se sa jeseng di welang ba lephata la botsogo, boeteledipele jwa kgaolo le ba-tsaya-karolo ka go farologana.
Mme Molomo a re go ya ka maitemogelo a bone mogare o ama thata banana ba dingwaga tse 15 go ya kwa go tse 29.
A re go lemotshegile fa kgolo ya mogare e kukediwa ke dilo di le mmalwa di akaretsa kgokgontsho, nnotagi, bagolo ba ba ratanang le bana, letlhoko la ditiro, bomme ba ba gwebang ka mmele, ba ba ratanang ka bong bo le bongwe ga mmogo le tiriso e e kwa tlase ya dikhondomo.
O ne a supa fa gape kwa kgaolong ya Tsabong dipalo tsa batho ba ba itlhatlhobelang mogare di ile tlase ka jalo batho ba felela ba patelesega go itlhatlhoba fa ba setse fela ba lwala.
Mme Molomo o ne a supa fa batho ba le 3 634 ba le mo lenaneong la dipilisi tse di ritibatsang mogare kwa kgaolong eo mme mo go bone go nale ba ba sa tseyeng dipilisi sentle .
A re ba le 162 bone ba tlogetse dipilisi tse di ritibatsang mogare mme ba botsogo ba tshwaragane le ba BONEPWA ba mo letsomong la go ba latedisa.
Se sengwe se se tshwenyang a re ke dipalo tse di kwa godimo tsa malwetse a tlhakanelo dikobo bogolo jang kwa metseng e e bapileng le tereta ya molelwane.
Se, a re se supa fa khondomo e sa dirisiwe gotlhelele kana e sa dirisiwe sentle.
Go sale foo, a re dingwe tse ba di fitllheletseng ke katlego ya lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng le le imilweng, a tlhalosa fa go tswa ka ngwaga wa 2018 go fitlha ngwaga o o fetileng ba sa nna le ngwana ope yo o tshotsweng ka mogare.
Ka maswabi, a re ngwaga ono go gatisitswe kgetsi e le nngwe ya ngwana yo o tsenweng ke mogare go tswa mo mashing a lebele mme a ne a tshotswe a sena one.
Mo go tse tsotlhe, Mme Molomo o boletse fa ba tlaa tswelela ba dira ka natla ba tshwaragane le ba-nale-seabe ba bangwe go tlhomamisa gore dipalo tsa mogare di a kokobela le gore o a laolesega mo bathong ba kgaolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 28 Nov 2024