Breaking News

Kereke ya Thataganyane e ipelela thobo

27 Nov 2024

Kereke ya Thataganyane e e leng karolo ya kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) mo Serowe e kokoantse  P164 662 ka letsatsi la moletlo wa thobo oo tshwarwang ngwaga le ngwaga.

Kereke fela jaaka mekgatlho e e farologanyeng e e fitlhelwang mo setshabeng e tshwanetse ya nna le seabe se se bonalang mo go godiseng itsholelo. 

Fa a bua ka letsatsi la thobo kwa kerekeng eo ka Tshipi Rev Innocent Omphile o ne a re Batswana ba tshwanetse go lebogela Modimo tse o ba segofaditseng ka tsone.

Moruti Omphile a re ba ka dira jalo ka go abela kereke ka dipelo tse di tshweu. 

O supile fa thobo e sa thuse fela mo kerekeng, mme e na le seabe mo go thuseng ba ba tlhokileng lesego ga mmogo le balwetse.

O boletse fa ba ntse ba thusa bana ba SOS Serowe ka tse ba di tlhokang.

Moruti Omphile o kaile fa gape ba batla setsha sa kereke le go aga kereke ka gore fa ba leng teng gompieno ke matlotla a kereke.

A re seabe sa kereke mo go ageng le go godisa itsholelo se tshwanetse sa bonala.

Fa a tlhalosa maikaelelo a moletlo wa thobo, moruti o boletse fa e le tsela ya go ipelela tsotlhe tse maloko a di robileng mo ngwageng, mme ba di tsisa kwa Modimong go lebogela tshegofatso le lorato lwa one.

A re tirelo e gape ke tsela ya go kokoanyetsa kereke madi a a thusang mo tsamaisong ya yone, a supa fa madi ao a tlaa thusa kereke go ka fitlhelela maikaelelo otlhe a yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Ipelo

Date : 27 Nov 2024