Lephata le tsibosa banni ka kgokgontsho
27 Nov 2024
Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego a lebagane le tlhokomelo ya bana Mme Margret Joel a re bana ba tshwanetse go sireletswa ka nako tsotlhe.
O buile se ka Mosupologo kwa Tshimoyapula kwa ba Lephata la Banana le Bong ba neng ba tsibosa banni ka malatsi aa lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana.
Mme Joel a re bana ba tlhoka go godisiwa sentle gore ba nne batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.
A re bana ba ba sa godisiweng sentle ba gola ba na le tshakgalo e ntsi e ba felelang ba e dirisa mo go ba bangwe kwa dikoleng.
Mme Joel a re bana ba basimane le bone ba tlhoka go sirelediwa fela jaaka ba ba basetsana.
O supile bomme bangwe ba ba itshielang ka monwana a re ba na le mokgwa wa go tlogela bana ba le nosi, a tsibosa gore go dira jalo ke molato o ba o sekelang.
O ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana go itsa gore ba felele ba dirisiwa ke bo rre ba ba tona gore ba tle ba kgone go bona dilo dingwe tse batsadi ba bone ba sa kgoneng go di ba neela.
Go tswa kwa lephateng la ba dikgolegelo a lebaganye le tshidilo tlhaloganyo, Mme Gabaeme Kenosi o supile gore ba lemogile gore kgokgontsho e na le modi.
Mme Kenosi a re ka fa motho a godisiwang ka teng go na le seabe mo maitsholong a gagwe.
O tlhalositse gore ba sidila ba dira melato maikutlo,le go leka go ba aga.
Mme Kenosi o kopile setshaba go tsaya modira molato yoo feditseng katlholo ya gagwe jaaka mongwe le mongwe, ba seka ba mo tlhaola.
A re go mo tlhaola go ka dira gore a itlhoboge a dire melato gape. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : Tshimoyapula
Event : Moletlo
Date : 27 Nov 2024