Puso e itlamile go fenya kgokgontsho
27 Nov 2024
Puso e tsweletse ka go tokafatsa melao e e tlang thusang go lwantsha kgokgontsho.
Mongwe wa melao ke o o itebagantseng le borukutlhi jwa maranyane (Cybercrime and Computer Related Crimes) o o itebagantseng le kgokgontsho e e dirwang mo maranyaneng.
Tona wa Lephata la Banana le Bong, Mme Lesego Chombo o tlhalositse jalo mo seromamoweng sa Botswana ka Mosupologo, fa a rola molaetsa wa go simolodisa malatsi a le lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana.
Tona Chombo o ne gape a ntsha molaetsa kwa motseng kwa Medie mo kgaolong ya Kweneng mo moletlong wa tshimolodiso ya malatsi a.
A re molao wa Penal Code le one o ne wa tlhabololwa ka 2021 go gagamatsa dikatlholo tsa ba ba bonweng molato wa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo.
“Dikatlholo tse, di akaretsa botshelo jotlhe mo kgolegelong mo molatong wa go dirisa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boroba bobedi botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo,”ga bua Tona Chombo.
Mme Chombo a re go botlhokwa gore setshaba ka kakaretso se seka-seke ka fa bomme le bana ba tshidisiwang ka teng mo malwapeng.
O gwetlhile borre go tsaya karolo mo go sireletseng bomme le bana kgatlhanong le kgokgontsho.
A re go botlhokwa go tshela ka kagiso le thokgamo ka malatsi a bofelo jwa ngwaga, a tlatsa ka go rotloetsa setshaba go tila borukutlhi jo bo diragalang ka nako e, bo akaretsa dithubetso, dititeo le dikgobalo tse di masisi tsa bomme.
Tona Chombo a re go botlhokwa go tswa ka metlhale e ka thusang go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana. Malatsi a a lesome le borataro a, a simolotse kgwedi eno e le masome mabedi le botlhano mme a tlaa fela kgwedi ya Sedimonthole e le lesome.
Tona o tlhalositse gore maikaelelo a setlhogo sa letsholo la monongwaga: #GaGonaMaithamako, A Re Tshwaraganeng go Emisa Kgokgontsho ya Bomme le Bana, ke go ngoka mebuso, batsaya-karolo mo go tsa ditlhabololo, makgotla a a ikemetseng, makgotla a ditshwanelo tsa bomme, banana, bagwebi ga mmogo le babega dikgang le makalana a lekgotla la mafatshe-fatshe go tshwaragana go lwantsha kgokgontsho.
Tona Chombo a re le ntswa lefatshe lotlhe le tlhomile matlho mo kgokgontshong ya bomme le bana ba basetsana, lefatshe la Botswana le itebagantse le kgokgontsho ya bomme le bana, ka go lemogatshega ba arametse mogote wa kgokgontsho ya mo malwapeng.
Mme Chombo a re go ya ka ba lekgotla la mafatshe-fatshe la bomme, kgokgontsho e ama bongwe mo borarong jwa bomme lefatshe ka bophara.
A re mo oureng nngwe le nngwe, bomme kgotsa bana ba basetsana ba le batlhano ba rontshiwa botshelo ke mongwe wa losika.
“Se se ngomolang pelo le go feta ke gore, mosetsanyana a le mongwe mo go ba bane, o sotlakakwa ke mokapelo wa gagwe”, ga bua jalo Tona Chombo.
O tsweletse a re mo ditiragalong tseo tsa kgokgontsho, mo mabakeng a mantsi mme o latlhegelwa ke botshelo ka go bolawa.
Fa a itebaganya le seemo sa kgokgontsho mo gae, Mme Chomobo a re dipatlisiso tsa 2018 di supa fa bomme ba le masome mararo le bosupa le borre ba le masome mabedi le bongwe mo lekgolong, ba kile ba kgokgontshiwa mo lebakeng lengwe la botshelo jwa bone.
“Mo go bomme ba, ba le masome a robabongwe le bobedi ba supile fa ba kile ba kgokgontshiwa mo bonyaneng jwa bone,” ga tlhalosa Mme Chombo.
A re dipatlisiso di tswelela di supa fa kgokgontsho bontsi jwa nako e diragala fa gare ga batho ba ba atamelaneng ka maikutlo kgotsa baratani. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 27 Nov 2024