UCCSA e tsaya kgato go lwantsha kgokgontsho
26 Nov 2024
Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) e simolodisitse letsholo kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le basetsanyana e le tsela nngwe ya go tshwaragana le puso go ruta le go rerela diphuthego go ikgapha mo dikgannyeng tsa mothale oo.
Fa a simolodisa semmuso letsholo leo la malatsi a lesome le borataro a twantso kgokgontsho ka Tshipi kwa Tsabong, modulasetilo wa Botswana Synod Moruti Marang Gaobewe o ne a tlhalosa fa kgokgontsho e le dikgang tse di utlwisang botlhoko tse di amang setshaba le batswasetlhabelo ka mefuta e e farologanyeng.
Moruti Gaobewe o ne a tlhalosa fa kgokgontsho e le mefuta, mme e akaretsa ya maikutlo, tlhaloganyo, tlhakanelo dikobo, dikiteo, ya madi mme e bile e ka diragalela mongwe le mongwe.
A re gape e ka diragalela gongwe le gongwe jaaka kwa malwapeng, dikoleng, dikerekeng, ditirong le mo setshabeng ka kakaretso.
Modulaestilo wa Botswana synod UCCSA o ne a tswelela ka go tlhalosa fa malatsi a a lesome le borataro a twantsho kgokgontsho ya bomme le basetsanyana a gwetlha puso, makalana a sedumedi le a a ikemetseng go tswa ka mananeo le ditogamaano tse ka tsone go ka emisiwang kgokgontsho.
O ne a supa fa kereke e tshwanetse go ema ka dinao ka nako tsotlhe go ruta le go anamisa molaetsa mo diphuthegong tsa bone le gone go ema nokeng batswasetlhabelo.
Moruti Gaobewe o ne a gwetlha dikgaolwana mo UCCSA e leng Kolobeng, Moeding, Lephoi, Bojanala, Lesaso le Matsha le diphuthego mo diseketeng tse di farologanyeng go ema mmogo ba tshwaraganye le ba sepodisi, ba boipelego, dikgosi le makhanselara le batsaya karolo ba bangwe go tswa ka maele a go lwantsha kgokgontsho.
Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi leo Mme Lame Ramokate (Mission Convener UCCSA Botswana Synod) o ne a tlhalosa fa letsatsi la mafatshe fatshe la twantsho kgokgontsho le tlhomilwe go buisana ka kgokgontsho, a supa fa bakeresete ba tshwanetse go nna sekao mo kagisong, lorato le boutlwelo–botlhoko, a re tseo di tshwanetse go fitlhwelwa mo go bone.
Mme Ramokate a re jaaka e le kereke tiro e kgolo ke go rerela setshaba lefoko la Modimo, go aga le go bopa setshaba, ka jalo a re ba tshwanetse go tlhomamisa gore baphuthegi ba tshela ba phuthologile e bile ba na le kagiso.
Mogolwane wa boipelego mo khanseleng Mme Masego Kgomotso o ne a supa fa kgaolo ya Tsabong e wetswe ke seru sa dikgang tsa kgokgontso e e ileng magoletsa bogolo jang ya tiriso botlhaswa ya basetsanyana.
Mme Kgomotso o ne a tlhalosa fa ba begetswe dikgetsi tsa tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi di le masome a mabedi le botlhano le di le borobabobedi tsa go itlhokomolosa bana ka ngwaga wa 2022.
O ne a supa fa ka ngwaga wa 2023 dikgang tsa tlhakanelo dikobo le basetsanyana di ne di le 43, go itlhokomolosa bana di le 19, fa ngwaga ono go simolola ka kgwedi ya Moranang go fitlha ya Phalane ba amogetse dikgang tsa tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwa di le 41 le tsa go itlhokomosa bana di le borobabobedi.
Mme Kgomotso o boletse fa mo dipalong tseo bana bangwe ba ne ba ima e bile ba tshotse bana. A re go supagetse fa dikgang dingwe di sa begwa ka bangwe batsadi ba bipa mpa ka mabele ba lebeletse go ja.
O boletse fa kgokgontso gape e tlhotlhelediwa ke go tlogela bana ba le nosi go ya go bereka kwa dipolasing, fa bangwe batsadi ba nna fela kwa marekisetsong a dino mme seo sefe dilalome sebaka sa go itirelela go kgona ka bana.
Mme Kgomotso o boletse gore go itebaganya le seemo seo, khansele e ne ya simolodisa letsholo la #TLOGELA MAKGELA A BUTSWE ba tshwaraganye le boeteledipele jaaka baruti le dikgosi, ba thuto le batsaakarolo ba bangwe.
Mme Kgomotso o ne a leboga kereke ya UCCSA go tsaya kgato ka nako e e maleba selo se a supileng fa se tlaa ba kgontsha e le khansele go nna le maduo a a nametsang.
A re ba tlaa tswelela ka letsholo gongwe le gongwe fa banana ba phuthaganeng teng jaaka kwa mabaleng, go tshwara mogwanto le gone go ba ruta ka Childrens Act, maikaelelo e le go nyeletsa kgokgontsho mo ngwageng oo tlang.
Moruti Kagiso Mphato o ne a kgothatsa borre ba kereke ya UCCSA go nna sekao ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang le gone go ikgapha mo dikgannyeng tsa kgokgontsho.
Rev Mphato o ne a gwetlha borre go fetola ka fa ba tshelang ka teng le bana ba bone, a ba rotloetsa go nna le botsalano le bone ka seo se ka thusa go phuthologa ba buisana fa go na le dikgang tse di ba ngongorang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : letsholo leo la malatsi a lesome le borataro a twantso kgokgontsho
Date : 26 Nov 2024