Breaking News

Puso e tlaa duela ditshenyegelo

25 Nov 2024

Tautona Advocate Duma Boko a re puso e tlaa tsaya boikarabelo jwa go duela ditshenyegelo tsotlhe tsa kwa setsidifatsing se Rre Pitseng Gaoberekwe wa letso la Sesarwa a beilweng kwa go sone.

Tautona o boletse se kwa phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Mahalapye ka Matlhatso.

Tautona o boletse gape gore e tlaare kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le lesome, ka letsatsi la mafatshefatshe la ditshwanelo tsa setho, a bo a le kwa Central Kalahari Game Reserve (CKGR) kwa phitlhong ya ga Rre Gaoberekwe.

Rre Gaoberekwe o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 2021 mme yare ba lelwapa la gagwe ba kopa go mmolokela kwa lefelong le a tlholegang kwa go lone la CKGR, ga seka ga kgonagala ka kgotla-tshekelo e ne ya laola gore a seka a bolokelwa teng mme a bolokelwe kwa New Xade kana kwa lefelong le sele.

Tautona Boko a re ka Rre Gaoberekwe a ntse sebaka kwa setsidifatsing, ditshenyegelo tsa sebaka se a se ntseng koo di kwa godimo thata, mme fa ba lelwapa la gagwe ba ne ba letleletswe go mmoloka kwa CKGR di ka bo di ne tsa seka tsa ya kwa godimo.

A re ditshenyegelo tsa kwa a neng a beilwe teng di tla a duelwa ke puso ka e le yone e beileng ba lelwapa la gagwe mo seemong se. 

A re fa puso e foseditse motho e tshwanetse e re e lemoga phoso ya yone e e baakanye mme e nne le kutlwelobotlhoko.

O tsweletse a tlhalosa gore puso ga e a tshwanela go lebiwa e le setlhogo e bile e sena kutlwelobotlhoko ntswa e na le maitlamo a tshwana le a Tebelopele 2036 a mo go yone e batlang Batswana ba nna tshaba e e kutlwelobotlhoko.

Advocate Boko a re kgang ya ga Rre Gaoberekwe e ne e le motlhofo ka a tsholetswe kwa CKGR kwa Metsiamanong, a goletse koo, le batsadi ba gagwe ba ntse koo e bile bangwe ba bone ba fitlhetswe koo.

A re Rre Gaoberekwe o ne a tswa kwa CKGR a latile bongaka mme a lwala ka sebaka, a felela a nna kwa New Xade kwa a neng a tlhokomelelwa teng a ba a kwadisiwa teng e le motlhoki.

E ne ya re Rre Gaoberekwe a sena go tlhokafala bana ba gagwe le masika ba buisanya gore ba mmolokele kwa ga bone mme puso ya gana, ya ya kwa makgotleng go ema kgatlhanong le gore moswi a bolokwe kwa ga bone.

Tautona Boko a re se ke bosetlhogo jwa puso, a tlatsa ka gore le makgotla a ditsheko a ne a seka a nna bobelotlhomogi le go nna le segakolodi sa gore Rre Gaoberekwe o tlholega kwa CKGR.

O ne tlhalosa gore motho fa a tlholega golo gongwe mme a bo a nna golo gongwe ga go a tshwanelwa gore go ganwe gore a fitlhiwe kwa a tlholegang teng, a re fa e le gore molao oo o teng o tlaabo o sa siama. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MAHALAPYE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 25 Nov 2024