Seemo sa kabo ya madi a mmele se a tlhobaetsa
25 Nov 2024
Lekalana la kabo ya madi a mmele la Botswana National Blood Transfusion Services le boletse fa seelo sa bone sa go kgobokanya di paente tsa madi a mmele di le 45 000 ka ngwaga se le kwa tlase fela thata.
Se se builwe ke modiri yo o itebagantseng le kopo ya madi a mmele wa lekalana leo, Mme Botho Gaobotse mo potsolosong le BOPA bosheng.
O tlhalositse fa ngogola ka nako eno, ba ne ba setse ba kgobokantse dipaente tsa madi a mmele di le 28 000, mme a re go simologa ka kgwedi ya Firikgong go fitlha jaana, ba setse ba bone dipaente di le 23 300 fela.
Mme Gaobotse a re le fa go ntse jalo ba itemogetse gore dikgwetlho tse di itsang go goroga kwa seelong seo sa 45 000, di akaretsa go nna maoto a tshupa ga batho, a re bangwe fa molaetsa wa kopo ya madi a mmele o tswa ba nna bonya, fa bangwe ba thibelwa ke makoa mangwe.
A re bangwe ditumelo tsa bone di ba hapha mo go abeng madi a mmele.
Le fa gontse jalo o rotloeditse Batswana go aba madi a mmele.
Mme Gaobotse a re Batswana ba tshwanetse go lemoga gore madi a mmele ke moeledi ‘a tsena a feta.
“Tota ga go sena sepe mo mabolokelong,” ga bua Mme Gaobotse, a tlatsa ka gore madi a mmele a ba ntseng ba a kopa a dirisiwa thata ka nako ya dikotsi tsa dikoloi ga mmogo le mo malwetseng a a tshwanang le kankere le diphilo.
A re malwetse a a tlhokana le madi a mmele kgapetsa kgapetsa.
A re go na le balwetse ba ba mo maarong ba ba tlhokanang le madi a mmele, ka jalo a rotloetsa Batswana go aba madi a mmele go tlamela matshelo, bogolojang mo pakeng eno ya kirisimose.
Mme Gaobotse a re ba aname le lefatshe ka bophara, a kopa ope fela wa dingwaga tsedi lesome le borataro go ya kwa go tse di masome a mane le botlhano a itekanetse, gore a inaakanye le kabo ya madi a mmele go sireletsa Batswana ka bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : POTSOLOSO
Date : 25 Nov 2024