Breaking News

Bulb World e abela baithuti ditlhako

25 Nov 2024

Khamphani ya Bulb World e e leng ya banana ba toropo ya Selebi Phikwe e bile e butse madirelo a yone gone mo toropong, e na le maikaelelo  a go thusa bana ba ba tlhokang ka go rulaganya lobelo go kokoanya madi.

Ba ne ba ikopanya le khansele ya Selebi Phikwe go betla mogopolo wa bone wa lebelo la Zana Charity Run, mme ba ne ba o diragatsa ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o fetileng.

Madi a a kgobokantsweng ka lebelo leo a ne a dirisiwa go thusa bana ba dikole tsa Selebi Phikwe. 

E rile a amogela dimpho tsa ditlhako di le 220 go tswa Bulb World, mo boemong jwa dikole, mokwaledi wa khansele Rre Lawrence Mokotedi o ne a leboga, a tlhalosa fa di tsile go dira pharologanyo mo matshelong a bana ba ba ntseng ba sena ditlhako.

Rre Mokotedi o ne a phophotha Bulb World legetla go bo ba dirile tiro e ntle le ntswa e ne e le lantlha ba dira thulaganyo ya mabelo.

O ne a kgothatsa dikhamphani tse dingwe go kopa se Bulb World e se dirileng go thusa fa go bulegileng teng ka puso e sa kgone go fitlhelela mongwe le mongwe mo nakong eno e itsholelo ya lefatshe e wetseng kwa tlase.

O ne a re thotloetso e ka nna go reka dithoto tse di dirwang ke Bulb World gore khamphani e  kgone go bona letseno le le botoka gore e tswelele e thusa.

Rre Mokotedi o kaile fa dikgang tsa go rulaganya mabelo di nna di dirwa ke dikompone tse di tona mme a re se se dirilweng ke banana ba Bulb World se tshwanetse go rotloediwa gore se tswelele se tshegeditse itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe e e sa iketlang.

E rile a tswa la gagwe mongwe wa barulaganyi ba lobelo la Zana, Rre Bakang Makoko o ne a tlhalosa fa go rulaganyetsa tse tsotlhe go ne go se motlhofo ka madi a ba neng ba a bone a ne a sa lekana go diragatsa se ba neng ba eleditse go se dira.

A re ka ba ne ba na le keletso le lorato la go thusa ba ne ba ba bereka ka thata go oketsa dithekiso tsa bone go fitlhelela ba kgona go aba.

Rre Makoko o ne a kopa setshaba go tswelela ba ba eme nokeng gore ba kgone go tswelela ba thusa bana ba dikole ka letlhoko go lebega le santse le le kwa godimo.

O kaile fa keletso ya bone e le go tsholetsa serodumo sa toropo ya Selebi Phikwe mme se se ka dira gore le matshelo a batho ba Selebi Phikwe a fetoge. ENDS

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : KABO DIMPHO

Date : 25 Nov 2024