Breaking News

BaGammangwato ba semeletse ka dipaakanyo go amogela kgosikgolo

24 Nov 2024

Dipaakanyo tsa go amogela Kgosikgolo ya GaMmangwato, Lt General Seretse Khama Ian Khama di tsweletse.  

Fa a lekodisa morafe mo boemong jwa bo rangwaneagwe kgosi, Rre Mokhutshwane Sekgoma a re tiro ya go amogela kgosikgolo e tlaa tshwarwa kgwedi ya Ngwanatsele e le masome a mararo kwa Serowe.

Rre Sekgoma o tlhalositse gore ba bogosi ba tsere tshwetso ya go neela morafe boikarabelo jwa go amogela  kgosi, ka gore ke bone ba itseng gore ba batla e nna ya selebego se se ntseng jang. 

O tlhalositse gore kgosi ke kgosi ka letsalo, ka jalo o ne  a  kopa gore ba seka ba etsaetsega ka gore kgosi o tsaya bogosi jwa gagwe.

Rre Sekgoma  o gakolotse  gore ba tlaa bo ba amogela kgosi e eseng go mmaya, a supa fa a sale a tlhongwa mo setilong sa bogosi  ka 1979. 

A re tiro e e tlaa bo e tshwaretswe kwa lebaleng legolo la metshameko, a re ba dirile jalo ba lebeletse bontsi jwa batho ba ba tlaa bong ba tsile tirong eo. 

Rre Sekgoma a re e tlaa re mo tshokologong ya letsatsi leo Kgosi o tlaa ya kgotleng go tla go ba dumedisa.

O tlhalositse gore kgwedi ee fetileng kgosikgolo o ne a isa mokwalo kwa pusong le kwa phathing ya Botswana Patriotic Front a supa fa a kgaogana le sepolotiki mme a  boela setilo sa bogosi. 

A re kgosikgolo o weditse tiro yotlhe e a neng a e filwe ya puso le ya sepolotiki. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Nov 2024