Breaking News

Borre ba ka fenya kgokgontsho

24 Nov 2024

Borre ba na le thata le botlhale jwa go ka sireletsa bomme le bana.

Se se builwe ke Rre Mompoloki Tsie wa lekalana la Quantuim Leap Academy kwa ipelelo Letsatsi la Mafatshefatshe la Borre le le neng le tshwaretswe kwa Selebi Phikwe ka Labone.

Go ya ka Rre Tsie, motho wa rre o tshwanetse go nna le boikarabelo, lorato, bopelotelele, boineelo e bile a kgatlhegela go thusa mme mo lwapeng go godisa bana eseng go tsenya mme letsogo.

O ne a re maatla le nonofo tse borre ba nang natso ga ba ka di dirisa ka fa go tshwanetseng go ka thusa go aga malwapa le go nonotsha kagiso le thitibalo tse Batswana ba tswang goo-Lowe ba di akola.

O kopile borre go bua ka lentswe le le lengwe kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana, a re borre ke bone ba ba ka tsenyang borre ba bangwe mo tseleng.

Rre Tsie o tlhalositse fa ngwana wa mosimane a tlhoka kgodiso ya ga rre mo lwapeng go mo kaela le go moruta tse di molemo gore le ene a tsoge a na le boikarabelo jwa go tlhokomela ba a tshelang le bone.

E rile a tswa la gagwe molaodi wa kgaolo ya Selebi Phikwe Mme Boikhutso Matenge o ne a gakolola borre gore ba tshwanetse go laola maikutlo a bone ka nako tsotlhe fa ba kopana le dikgwetlho.

O kaile fa borre bangwe ba dumela gore ba tshwanetse go dirisa mashetla a bone go supa gore ke banna mme a ba kgothatsa go kopa thuso fa ba kopana le diemo tse di ba kgoberang maikutlo.

Mme Matenge a re  fa maikutlo a  sa laolesege  a ka baka gore motho a felele a tsere ditshwetso tse e seng tsone tse di tlogelang ba le bantsi ka kutlobotlhoko.

O ne a re ditshwetso tsa go nna jalo ga di ame ba malwapa le ba masika fela mme di felela di ama puso ka go tlama gore bana ba ba setseng e le dikhutsana ba tlhokomelwe.

Rre Motshegetsi Ontiretse go tswa kwa lephateng ya Bong ene o ne a rotloetsa borre ba ba neng ba tsene moletlo go nna ba phuthologa ga ba utule botlhoko ka se se ka ba thusa gore ba bone thuso go na le go hupelela mo teng.

Rre Ontiretse o tlhalositse fa maikaelelo magolo a letsatsi la borre e le go ithuna dinta go lemoga bokgoni jwa bone le go arologana maele a a ka fetolang matshelo a bone.

Mo go wetseng mafoko a gagwe, Rre Ontiretse o kaile fa botsogo jwa ga rre bo le botlhokwa mo go ageng malwapa a a tiileng ka jalo a ba kgothatsa go nna ba ya kwa dikokelong go ya go kopa thuso le go itlhatlhoba malwetse a a sa tshelanweng. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Letsatsi la Mafatshefatshe la Borre

Date : 24 Nov 2024