Breaking News

Ntshafatso le katoloso ya tsela ya Palapye - Martins Drift di tsweletse

24 Nov 2024

Tiro ya go ntshafatsa le go oketsa tsela ya Palapye-Martin’s Drift ya 111km e hetile legato la ntlha la go dira dipatlisiso tse di tseneletseng.

Tsela eo e dirwa ka lenaneo la Development Manager model, ke khamphani ya K-Hill Consortium.

Se, se builwe ke tona wa lephata la dipalamo le dikago, Rre Noah Salakae fa a araba potso ya Palemente, e e neng e boditswe ke mopalamente wa Tswapong Borwa, Dr Kesitegile Gobotswang. Dr Gobotswang o ne ne a kopile tona go fa tekodiso ka go shafatsa le go oketsa tsela ya Palapye-Martin’s Drift ga mmogo le go simolodisiwa ga borogo jwa Martin’s Drift, go nna jo bo tlhohotsang metsao ya dithoto, batho le dikoloi tsa megobagoba.

Rre Salakae o supile fa lephata le sekaseka dipatlisiso, se e le karolo ya bobedi mme phetolo e tlaa tswa kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe. O supile fa Botswana a kopanetse kago ya borogo jwa Martin’s Drfit le South Africa, mme mafatshe oo mabedi a santse a le mo dipuisanong tse di tseneletseng, tse e tlaareng go weleng ga tsone, kago ya borogo e simolole.

Rre Salake a re o golaganye le ba tsa makgetho (BURS) gammogo le lephata la tsa madi mabapi le molelwane kgoboko (one stop border post).  

A re dipuisano di tsweletse le South Africa le mafatshe a a mabapi go tsamaisa thulaganyo e. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Palamente

Date : 24 Nov 2024