Breaking News

Kgosi Montshiwa o etelela morafe wa Rakhuna

21 Nov 2024

Kgosikgolo ya Barolong Kgosi Lotlaamoreng II o roletse morafe wa Rakhuna Kgosi Thapelo Montshiwa go ba etelela pele morago ga go tlhokafala ga ga kgosi Peter Mmila ngogola.

E rile pele fa a rola Kgosi Montshiwa ka Labobedi mo phuthegong ya kgotla kwa Rakhuna Kgosi Lotlaamoreng II a bolela fa go tlhoka kgosi ga motse go kgoreletsa ditiro tsa morafe e bile go itsa one morafe go ka amogela le go akola ditirelo tse di farologanyeng tsa kwa kgotleng.

A re go nna teng ga ga Kgosi Montshiwa kwa kgotleng go tlaa fa morafe tshiamelo ya go thusiwa ka tse di amang manyalo, ikwadisetso temo le tse dingwe tsa botlhokwa.

A re ka jalo morafe o amogele kgosi wa bone ka tsoo-pedi le go mo ema nokeng mo tirong ya gagwe.

Kgosi Lotlaamoreng II o ne a supa Kgosi Montshiwa e le motho yo o tlotlo mme a mo gwetlha go itse fa morafe wa Rakhuna e le bone batsadi ba gagwe ka jalo go le maleba gore a dire le bone a eteleditse pele mowa wa tlotlo.

Mongwe wa banni ba Rakhuna e bile e le mogodi Mme Lorato Mokgwathise yo a boletseng fa a amogela Kgosi Montshiwa ka diatla tsoo-pedi, o akgoletse Kgosi Lotlaamoreng II go ba rolela kgosi ya bone e ntsha.

Mme Tuelo Dinku o supile fa a tletse boitumelo go bo jaanong ba na le kgosi.

O tlhalositse fa ba eletsa gore kgosi a ba etelele pele ka lorato le botswapelo mme a supa fa le bone ba tlaa mo utlwa.

Fa a amogela Kgosi Montshiwa, Rre Toko Nankonane o boletse fa kgosi a tshwanetse go itse morafe wa gagwe, a supa fa seo a ka se kgona ka go tshwaraganela ditiro tsa selegae le bone.

A re go atamelana ga ga kgosi le morafe ka go tsena ditiro di akaretsa dintsho le manyalo go ka mo thusa gore a lemoge le go itse dikeletso tsa morafe wa gagwe.

Mo potsolotsong morago ga go rolelwa morafe, Kgosi Montshiwa o ne a lebogela go bo morafe o mo amogetse mme a supa fa a itlamile go bereka go sena gope kwa a tlogelang morafe teng.

A re seo ke sone se se ka dirang gore ba atlege le go isa motse wa bone kwa pele, a tlatsa ka gore o tsene mo mererong ya bogosi ka ngwaga wa 2011 e le kgosana ya tetlanyo kwa Maiphitlhwane kwa Pitsane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : RAKHUNA -

Event : phuthego ya kgotla

Date : 21 Nov 2024