Breaking News

Mogotsi o nosetsa puo ya Setswana

21 Nov 2024

Puo ya setswana e lebanwe ke kgwetlho ya go  gaisana le ya sekgoa, ka jaana Batswana ba tlotlile go dirisa sekgoa thata.

Se, se builwe ke Mme Lebogang Mogotsi mo potsolotsong bosheng.

Mme Mogotsi a re  o itlamile go busa serodumo sa puo ya Setswana a tlhalosa fa thuto go tswa kwa moding e le konokono, ka jalo go le botlhokwa go ruta bana Setswana ba sale babotlana.

A re maikalelo a gagwe ke go tlotlomatsa le go rotloetsa tiriso ya puo ya Setswana gongwe le gongwe e seng kwa dikoleng fela. 

Mme Mogotsi a re o tlhaloganya sentle gore go na le dipuo tse dingwe tse di buiwang mo Botswana, mme Setswana se ikadile lefatshe ka bophara mme e bile se buiwa ke merafe e mentsi.

Le fa go ntse jalo, Mme Mogotsi yo gape e leng mokwadi wa dibuka tsa Setswana tsa bana, o ikaelela go ba ruta Setswana gore ba tle ba kgone go tshegetsa ngwao.

Mme Mogotsi a re Setswana ke puo e e humileng diane, maele, manatetshapuo le mainane a a supang bokao le ngwao ya Setswana.

“Ka jalo go mosola gore bana ba gole ba itse dilo tse, le gone go sireletsa puo ya ga bone gore e seka ya nyelela le fa e le ka letsatsi lepe," ga bua Mme Mogotsi. 

O tlhalositse gore bana fa ba gola ba itse puo ya bone, ba gola ba itse gore ke bomang ba tswa kae.

Go tsweledisa maitlamo a gagwe a go ruta Setswana, Mme Mogotsi o ne a simolodisa mokgatlho wa Dinaletsana tsa Botswana Writing Alliance, o ka one a rutang bana ngwao.

Mokgatlho o, o ruta bana go itse Setswana, didirisiwa tsa Setswana, le go amogana le bone dipolelo le one mainane tota.

O ne a supa a tshwenyegile thata ka fa bontsi jwa bana ba gola ba sa itse puo le tsone didirisiwa tsa Setswana tota.

Ka jalo, a re mokgatlho oo, o fa bana sebaka sa go ithuta ka dilo tse di ntsi tsa Setswana le dikarolo tse dingwe tsa puo.

Mme Mogotsi a re mo nakong e e fetileng o ne a kgobokanya bana, a ba ruta ka ngwao ya Setswana mme o ne a itemogela fa bana ba rata puo ya Setswana e bile ba kgatlhega go ithuta ka yone.

A re ka nako eo ba ne ba nna le sebaka sa go tshameka diketo, morabaraba, koi le tse dingwe mme ba ne ba di rata fela thata.

“Ke na le maikaelelo a go atolosetsa dithuto tse kwa masimo gore bana ba nne le go iponela ka matlho gore masimo go tewa eng.”

Mme Mogotsi a re o tshwaragane le bakwadi ba bangwe, morafe le batsadi gore tiro ya gagwe e nne motlhofo.

O ne a supa fa tiro e,  a e dira ka lorato mme e se motlhofo ka jaana a sena morotloetsi ope, mme a dirisa madi a gagwe.

Le fa go ntse jalo, a re ga a na go ipona tsapa ka a na le maikaelelo a go ruta bana Setswana le go itse ngwao ya bone.

Mme Mogotsi a re ka 2008 o ne a kwala buka ya Lo Mpogisetsang, mme ya letlelelwa go dirisiwa ke bana ba lekwalo la bosupa.

A re buka eo e bua ka motsadi a godisitse bana ka tshokolo gore ba nne le bokamoso jo bo eletsegang le gone gore ba tle ba mo tlhokomele, mme ka maswabi ga seka ga nna jalo ka bana bao ba ikgatholosa motsadi wa bone.

O ne a supa fa mo ngwageng ono, a kwadile buka e nngwe ya Phala ya Kgosing e le buka e e kaelang bana go tlotla boeteledipele, batsadi le setshaba ka kakaretso.

Mme Mogotsi a re buka eo e mo file sekgele kwa Aferika Borwa sa African Honoree Authors Award.

A re bosheng jaana kgwedi eno ya Ngwanatsele e simolola, o ne a ya go tsaya seetsele gape kwa Aferika Borwa sa Botswana Literary Heritage Award ka ba She Millionaire Ladies Business Expo e le sa go lemoga bomme ba ba tsisang pharologanyo mo setshabeng le gone go fetola matshelo a batho.

A re gape o tshwanetse go ya go tsaya seetsele se sengwe sa African Literary Summit Award kwa Nigeria se ka sone go lebogwang bomme ba ba dirang sentle mo go kwaleng dibuka tse di rutang bana. 

A re seo se mo tiisa moko fela thata ka se shafatsa toro ya gagwe ya go ruta bana Setswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 21 Nov 2024