Breaking News

Ba gakololwa go dirisa Legal Aid

20 Nov 2024

Moeteledipele wa Legal Aid Botswana, mo Kgaolong ya Kgalagadi, Rre Keene Manyothwane o gakolotse banni ba Hukuntsi go tsibogela ditirelo tsa thuso ya tsa molao tse di fiwang mahala go tswa lekalaneng la Legal Aid Botswana.

Rre Manyothwane o supile se fa a buisa banni ba Hukuntsi mo letsholong le le tsweletsweng la lekalana leo, la go itsise Batswana ka ditirelo tsa bone.

A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a nne le kemedi ya semolao ee nang le boleng.

Rre Manyothwaneo a re lekalana leo le itlamile gore ope a seka a gatakiwa ke ope ka ntlha ya gore ga a kgone go nna le moemedi wa semolao a supa fa ba dira jalo ba sa lope madi.

O tlhalositse fa dithuso tse di fiwa Motswana mongwe le mongwe yo o sa berekeng, a tlatsa ka gore, le fa go ntse jalo, gona le ditlhatlhobo tse di dirwang go sekaseka ba ba eletsang go bona thuso mme ba bereka.

Fa a bua ka dithuso tsa bana, a re Legal Aid Botswana e na le dithuso tse di amang  tlamelo ya bana, a supa gore ba thusa ka kemedi ya semolao fa motsadi yo mongwe a sa dire ditumalano tse ba di dirileng go tlamela ngwana morago fa batsadi ba kgaogana.

A re fa batsadi ba ngwana ba kgaogana go tshwanetse gore go nne le tshwetso ya gore ke mang mogo bone yo o tlaa salang le bana, le gore ke mang yo o tlaa ba bonang ka go ba etela.

Rre Manyothwane a re thulaganyo ya gonna jaana e ka dirwa ele tshwetso ya batsadi, a tlatsa ka gore fa ba retelelwa ba ka kopa thuso kwa kgotla tshekelong, mo e leng nngwe ya dithuso tsa bone.

“Legal Aid e ka go thusa go tshereganya kgotsa go letlanya fa go nang le kgotlhang, ka go kwala tumalano ka tlhokomelo ya bana le go go emela kwa kgotla tshekelong,” ga bua Rre Manyothwane.

Fa a ama dikgang tsa marato, a re ba na le go amogela dikgang tsa baratani ba ba tshelang mmogo kwa ntle ga lenyalo, a gakolola gore go botlhokwa gore batho ba itshireletse mo diemong ka go dira tumalano ya go tshedisanya mmogo.

A re maitemogelo a bone ke gore gantsi batho ba ba tshelang mmogo ba kgobokanya dithoto e re lerato le fela kgotsa yo mongwe a tlhokafala go tsoge modumo wa go lwela dithoto tse ba di bapetseng.

Rre Manyothwane o supile fa Legal Aid e le teng go thusa ka go dira tumalano ya go tshedisanya mmogo ka mokwalo, a supa fa tumalano ya mofuta o, e akaretsa dithoto tsotlhe tse mongwe le mongwe a tlang ka tsone, tse ba di kgobokantseng, le kafa ba tlaa dirisanyang ka teng mo dikgannyeng tsa madi, ga mmogo le kafa ba tlaa kgaoganang dithoto ka teng ka nako ya ba kgaogana, kana mongwe a tlhokafala.

O supile fa ba thusa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse 18 ka tsa kemedi ya semolao, a supa fa ba na le tshwanelo ya go nna le mmueledi wa semolao.

Rre Manyothwane o ile a gakolola gore batsadi ba bana ba dingwaga tseo, ba ba nang le melato e ba tshwanetseng go e seka kwa makgotleng tshekelo gore ba ikgolaganye le Legal Aid gore bana bao batle ba thusiwe ka moemedi wa semolao.

“Re gakolola gape gore fa gona le bana ba ba setseng ba sekile mme ka bomadimabe, abo ba sa kgona go nna le mmueledi ka nako ya tsheko go ikgolaganya le rona,” Rre Manyothwane.

 Fa a leboga, Mothusa Kgosi ya Hukuntsi, Kgosi Kgotlafela Keolopile o gakolotse morafe go tsibogela dithuso tsa puso go tlhabolola matshelo a bone.

A re gantsi ba fetwa ke mananeo a le mantsi ka ntlha ya go tlhoka kitso ka mananeong ao ka jalo o ne a leboga legal Aid Botswana, a supa fa go lebega ba nyorilwe thata go thusa Batswana.

A re dithuso tse di a tlhokafalang thata ke batho ba ba tlhokang kemedi kwa makgotla tshekelong, go akaretsa dikgang tsa boswa le tlhokomelo ya bana. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 20 Nov 2024