Mopalamente o kopana le bodiredi
20 Nov 2024
Mopalamente wa Shosong a re Batswana ba solofetse go le gontsi mo go bone mme ebile ga ba na maikaelelo a go ba swabisa ka ba na le keletso e le nngwefela e leng go isa Botswana ko pele.
Mopalamente Rre Moneedi Bagaisamang o buile se ka Mosupologo fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya Shoshong kwa bokopanong le bagolwane ba maphata a puso .
Rre Bagaisamang a re o dumela fa Tautona Advocate Duma Boko a setse a adile moalo o o siameng mme e bile ba tsimolotse tiro.
A re melao mengwe e tsile go fetolwa gore e re e tsena mo tirisong diemo tse Batswana ba ntseng ba tshelela mo go tsone le dilelo tsa bone di arabesege.
Rre Bagaisamang a re le bone mo kgaolong ya Shoshong gare ba nne le moalo o ba o dirang gore se ba tlaa se dumalanang e le kgaolo se diragale.
A re moalo o o tlaa ba thusa go ithulaganya le go o sala morago go fitlhelela maitlamo a bone a go fetola diemo.
Rre Bagaisamang o kaile fa a na le tsholofelo ya gore ba tlaa bereka mmogo ka natla, kagiso le lorato mme a tswelela ka gore kgaolo ya gagwe e tshwanetse go mo lemotsha diphoso e bile ba kgona go mo gakolola. g
Mokwaledi wa khansele ya Mahalapye Rre Mmoloki Taukobong, o supile fa ba na le bothata ka jaana ba sena madi mme e bile ba goga ka thata.
A re ditiro tsotlhe tsa bone di saletse kwa morago, a fa sekai ka letlhoko la madi a leokwane la dikoloi tsa bone ka e le tsone tse di dirisiwang mo ditirong ka go farologana. Rre Taukobong o kopile mopalamente go fitisetsa molaetsa kwa go ba ba maleba.
Fa a fiwa sebaka, Rre Gaolekwe Gaolekwe yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse o gakolotse mopalamente wa kgaolo gore ba seka ba laolwa ke lobelo ka lo etle lo senye gore ba kgone go ela tlhoko dikgato tsa bone.
Rre Gaolekwe a re bone ba tshwenngwa ke kgaogo ya motlakase mo kgaolong ya bone ka o kgaoga kgapetsa kgapetsa. A tlhalosa fa tiriso ya maranyane e golela pele, mme kgaogo ya motlakase e ba fetisa mananeo e bile e kgoreletsa ditiro dingwe tsa botlhokwa.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole se segolwane sa Shoshong Rre Batshidi Tsae o tlhalositse gore tiro ya badirela puso ke go diragatsa molao, a tshephisa fa ba tlaa netefetsa gore molao o a o diragadiwa.
A re ene sekole sa gagwe se mo dikolotong go simolola ka kgwedi ya Lwetse mme ba tlhokana le thuso ya go imololwa morwalo ka dikoloto tseo tse bontsi di amana le dijo tsa bana ba sekole.
Rre Tsae o tsweletse ka go supa fa ba sokodisiwa ke metsi go simolola ka Lwetse, ka jalo a kopa gore seemo seo se tsibogelwe ka jaana se kgoreletsa gotlhe le tsamaiso ya sekole.
Kgosi ya motse wa Shoshong Rre Felix Kgamane o lebogetse mopalamente wa kgaolo go bitsa phuthego e ka jaana e supa fa a na le tirisano mmogo.
A re go botlhokwa go mo amogela le go mo thusa go fitlhelela dikeletso tsa Batswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Shoshong
Event : Potsolotso
Date : 20 Nov 2024