Kabelano dikitso tsa tiro ya diatla e botlhokwa
19 Nov 2024
Go abelana dikitso le ba bangwe go botlhokwa ka gore go kgona go boloka dikitso le bokgoni jwa tiro ya diatla, bogolo jang kitso ya go dira didirisiwa tsa Setswana, e e gomagomediwang ke go nyelela.
Mathata a magolo ke gore bontsi jwa batho ga ba thusane, e bile ga ba batle go abelana dikitso le ba bangwe.
Moitseanape wa go betla, Rre Onneetse Tshobokwane wa dingwaga tse 51 o buile jaana mo puisanyong le BOPA bosheng, a supa fa bontsi jwa batho bo sa tlhole bo kgatlhegela go anya botsipa jwa go betla.
A re keletso ya gagwe e tona ke go bona batho ba dikitso tsa tiro ya diatla ba di abela ba bangwe, a supa fa go dira jalo go le botlhokwa.
Rre Tshobokwane a re ntswa a leka ka thata go dira jalo, o itemogetse fa banana ba sena kgatlhego ya go ithutela tiro ya diatla, bogolo jang go betla didirisiwa tse di tlwaelesegileng e le tsa Setswana.
A re jaaka e le mongwe wa Batswana ba ba tswang kgakala ba itsege ka go betla e bile a itshetsa ka gone, o na le banana ba ba anyang kitso mo go ene.
“Go ne go tlwaelesegile gore go betla kika ke tiro e e neng e dirwa ke borre ba ba abetsweng bokgoni jwa tiro ya diatla, nna ke mpho e ke e filweng ke Modimo. Jalo ke dumela gore motho o ka kgona go ithuta motlhofo fa a na le keletso. Ke lemogile gore le ntswa go betla go se motlhofo, mongwe le mongwe o ka kgona go dira tiro ya teng fela fa a tsenya maatla a gagwe otlhe mo tirong ya gagwe.”
O supile fa go tlhokafala lorato le gore motho a bo a le pelotelele gore a kgone go dira dilwana tse di ka melediwang mathe.
A re o tshwentswe ke gore bogologolo bontsi jwa borre ba ba neng ba itsewe ka go betla ba ne ba le bantsi, mme jaanong ba ntse ba nyelela ka monokela.
Rre Tshobokwane a re se se ka tswa se dirwa ke gore, le fa tiriso ya kika e ka tswa e le ntsi mo ditirong tsa Setswana, botlhokwa jwa yone bo ntse bo a nyelela ka bontsi jwa batho ba tshela matshelo a sesha.
“Go tsweng goo-Lowe, ka Batswana ba ne ba tlwaelesegile ka go lema ba bo ba itirela dijo mo malwapeng, kika e ne e dirisiwa go setla mabele le mmidi, go kgoba nama go dirwa seswaa le gone go tlhobola mmidi go dirwa setampa,” a supa jalo.
A re ka ntlha ya selo se, kika e ne e le selwana se se neng se tlhokafala mo lapeng lengwe le lengwe, mme e bile e le sekao sa gore malapa a tiile e bile a itsaya tsia.
“Fa o tsena ka Phuduhudu, o eletsa go reka kika, ke nna fela yo go buiwang ka ene, ka e bile ke dira metshe, mehinyana, dikgamelo, megopo le dintshwana,” a tlhalosa.
A re dilwana tsa gagwe ga di ke di tlhoka bareki e bile ga di ke di diega ka ntlha ya gore bontsi bo rata diatla tsa gagwe.
Rre Tshobokwane a re tiro ya go betla o e ithutile a tsena sekole sa thuto-ga-e-golelwe a bala lekwalo la ntlha, gone mo Phuduhudu ka 2017.
A re e ne ya re a ntse a tsena sekole, baithuti ba kopiwa go dira selwana ka tiro ya diatla nngwe fela e ba e eletsang, e le bontlha bongwe jwa diteko mo thutong tsa bone.
Rre Tshobokwane o supile fa a ne a iteka ka go dira kika, a supa fa e ne ya amogelwa kwa sekoleng, ya re morago ya isiwa dikgaisanyong tsa thuto-ga-e-golelwe, tsa ditshupo tsa kgaolo, jalo a ikgapela maemo a bobedi.
A re ngwaga oo latelang o ne a dira ditekeletso gape tsa dithuto tsa gagwe, a dira megopo le kika, tse le tsone di neng tsa fenya kwa ditshupong tsa kgaolo tsa thuto-ga-e-golelwe.
Rre Tshobokwane o supa fa a ne a lemoga fa a na le bokgoni morago ga go amogela dietsele tse pedi, jalo a simolola go tsaya bokgoni jwa gagwe ka tlhoafalo.
A re kgwetlho e a nang le yone ke ya letlhoko la didirisiwa.
“Letlhoko la didirisiwa tse di tshwanang le motshine o o gabololang ke lone le mpusetsang kwa morago.
A re le fa go ntse jalo, ga a ise a kope dithuso tsa madi gope, a supa se se tlhotlhelediwa ke go tlhoka kemo nokeng, go tlhaela dithuto, le boitseme.
A re o dirisa mohata le mootswa go betla, a supa fa mogonono o siame go feta ditlhare tsotlhe, bothata e le gore ga o yo mo Kgalagadi.
“Mokgalo o kgona go dirisiwa, mathata ke gore o na le tiro e ntsi ka o tshabelelwa ke go phatlhoga. O batla go tshasiwa lemipi la kgomo abo o epelwa mo motshetelong,” a supa jalo.
Fa a ntsha la gagwe, moemedi wa komiti ya ditlhabololo, Rre Daniel Jong o rile bokgoni bo bontsi mo Phuduhudu.
A re se se busetsang banana morago bogolo thata ke go tshaba go tsena mo diofising tsa puso go kopa thuso.
Rre Jong o supile fa tiriso botlhaswa ya nnotagi le yone e na le seabe sa go busetsa bontsi jwa batho ba ba nang le bokgoni kwa morago.
A re bokgoni ka bontsi jo bo leng teng, ke jwa go tshwantsha, go taka, le go suga matlalo.
Rre Jong, a go tlhoka gore batho bao ba rotloediwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : PHUDUHUDU
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Nov 2024