Balemi ba Masoke ba eme sejaro
19 Nov 2024
Balemi ba masimo a Masoke kwa kgaolong ya Kanye Bophirima, ba re ba malala a laotswe, go simolola temo.
Molemi morui kwa masimong ao, Rre Frank Boakgomo o tlhaloseditse BOPA fa a simolotse go ipaakanyetsa temo ya monongwaga.
A re go botlhokwa gore balemi ba simolole go baakanya masimo nako e sa le teng, gore ba kgone go akola bokgola jwa pula le gore ba bone thobo e e botoka.
Rre Boakgomo yo o lemelang go jesa leruo, a re o na le tsholofelo ya gore pula ya monongwaga e tlaa tsisa thobo e namagadi fa a tshwantshanya le ya ngogola.
O rotloeditse balemi go kabakanya temo le thuo ka go dira jalo go ka ba kgontsha go lwantsha leuba le diemo tsa bosa tse di sa ikanyegeng
Rre Boakgomo o supile matshwenyego ka thuso e e kwa tlase go tswa kwa go ba bolemisi a kaya fa nako ya temo e gorogile mme ba ise ba fiwe dipeo, selo se a reng se ka ba diya go tsweledisa temo ya bone ka nako.
“Ke lemogile fa offisi e dira ka bodiredi jwa nakwana ka go bo o bona difathego tse di farologaneng nako le nako. Se, se baka tiego mo dithulaganyong tse re di simololang le ofisi,” Rre Boakgomo a supa.
Rre Mogare Masala yo e leng molemi morui yo mmotlana e bile a na le terekere, le e ne o supile fa a simolotse go ipaakanyetsa go lema le go lemela batho. A re o kwadisitse batho ba ka nna masome a matlhano, ba a tshwanetseng go ba lemela.
Rre Mosala le ene o kaile fa ba emetse thuso ya dipeo le go rebola dikopo tsa ba a tshwanetseng go ba lemela, go tswa kwa balemising.
Moitsaanape kwa lephateng la temo ya dijwalo kwa Kanye, Mme Kealeboga Tonoko o supile fa tiego ya go fa balemi dipeo e bakilwe ke go tokafatsa lenaneo la Temo Letlotlo le e leng lone le mo tirisong ka maikaelelo a go thiba ditlhaelo tse di neng di le mo lenaneong la ISPAAD.
A re Temo Letlotlo e mo legatong la bobedi le mo go lone balemi ba kwadisiwang mo maranyaneng go ka abelwa dipeo le go bona dithuso tse dingwe, a supa fa e le sengwe sa tse di diyang gore ba kgone go fa balemi dithuso ka nako.
O supile fa ofisi e dirile maiteko a go oketsa bodiredi le nako ya balemisi ba nakwana gore ba kgone go fefosa dithuso le seemo kwa masimong.
Mme Tonoko o tlhalosa gore lebaka la gore balemisi ba bo ba sa bonale kwa masimong nako e nsti ke ka ntlha ya lenaneo le lesha la kwadiso ya balemi.
A re lenaneo leo le tlhoka tiriso ya maranyane mme ba bone go le botoka go atumetsa molemisi kwa Kanye, go nna gaufi le ditsompelo go ka kwadisa sentle. O rotloeditse balemi go nna ba tlhola molemisi fa ba le mo gae. A re go botlhokwa gore balemi ba kwadise go kgona go akola mananeo a a tokafaditsweng.
Mme Tonoko a re batsaya- karolo ba ba farologaneng jaaka Botswana Marketing Board (BAMB) e lebaganye le go abela balemi ba babotlana menontshane le dipeo fa banka ya dithabololo ya National Development Bank e lebagane le dituelo tsa beng ba diterekere. Mme Tonoko o solofeditse balemi ba kgaolo gore ba ofisi ya gagwe ba tlaa ba etela mo bogautshwaneng, go tla go rolela balemi tse di tshwanetsweng go dirwa mo pakeng eno ya temo. ENDS
Source : BOPA
Author : relief lephutshi
Location : KANYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Nov 2024