Breaking News

Ba Mulambakwena ba akgola lepodisi la motse

18 Nov 2024

Banni ba Mulambakwena kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba akgotse go menagane lepodisi le le direlang kwa motseng wa bone, Sergeant Kumbila Ndzinge.

Ba kaile fa tirisano mmogo e Mme Ndzinge a nang le banni ba motse o ke ya maemo a a kwa godimo mme e bile go bereka ka bokgabane ga gagwe go thusitse ba le bantsi go robalelwa ke ditlhokwa tebang le ditiragalo tsa borukutlhi ka go farologana.

Banni ba ntshitse kakgolo eo, jaaka ba ne ba tshwere moletlo wa go ipelela letsatsi la ntebele ke go lebele kgwedi eno e le lesome le botlhano.

Banni ba supile fa Sergeant Ndzinge a gorogile mo motseng oo, a fitlhela o haraharilwe ke ditiragalo tse di seng kana ka sepe tsa borukuthi le masula a mangwe.

Mo go gorogeng ga gagwe, Sergeant Ndzinge a dira gotlhe mo go ka kgonagalang go leka go fedisa madubadube ao mme se segolo se banni ba neng ba se iteela legofi ke go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi le go tlhama ditlhophana tse di lwantshang borukutlhi mo motseng bosigo le motshegare.

Mo bo gompienong,  Mulambakwena o na le ditlhophana di le lesome le bone goya ka go bapa ga metse ya bone mme mo godimo ga moo, go na le setlhopha sa ba ba ithaopileng go disa mo motseng, maikaelelo e le  go nyeletsa borukutlhi gotlhelele.

Fa ba gatelela ka go dira ka bo tswapelo ga ga Mme Ndzinge, banni ba boletse fa mo godimo ga tiro ya gagwe ya sepodisi e le motsadi yo o lebole e bile a na le bokgoni jwa go letanya fa go na le diphaphang mo malwapeng.

E  re ka jaana Sergeant Ndzinge a tlaa bo a tlogela tiro monongwaga ka kgwedi ya Sedimontlhole, banni ba Mulambakwena ba re seo ke tatlhegelo e kgolo thata mo motseng wa bone, mo bangwe ba neng ba kopa gore go sekasekiwe go mo okeletsa ka dingwaganyana.

 Ba tsweletse ba supa fa go le botlhokwa gore a abelwe seetsele go lemoga le go mo lebogela seabe se a nnileng le sone mo go lwantsheng borukuthi.

Sebui sa tlotla kwa moletlong oo, mothusa Mookamela mapodisi a Botswana a okametse mapodisi a eseng a seaparo mo Bokone, Assistant Commissioner Maikaelelo Chepete o galaleditse maiteko a banni ba Mulambakwena, a go emela motse wa bone ka dinao tebang le go lwantsha borukuthi.

Le ene fela jalo, o ne a supa fa a itumedisiwa ke go utlwa ka fa Mme Ndzinge a dirang tiro ya gagwe ka teng, ka jalo a mo rotloetsa go tswelela a bereka a le seopo sengwe le banni go leka go nyeletsa borukutlhi mo tikologong ya bone.  Assistant Commissioner Chepete o ne a bo a gwetlha banni go nna podi matseba tebang le dingwe tse gantsi di rotloetsang borukutlhi, jaaka go reka dithoto tsa bogodu, go sa saleng morago melawana wa tsa theko le go tlhabiwa ga dikgomo ke beng ba marekisetso a nama.

 O ne  a kgalema kgatlhanong le go baya kgotsa go fitlha batswakwa ba ba nnang mono ese ka fa molaong mo malwapeng a bone, a re go dira jalo ke molato o o ka ba bakelang gore ba tseelwe dikgato tse di maleba.

Rre Chepete o kopile batsadi go kgalema bana kgatlhanong le tiriso ya ditagi, a kaya fa le tsone di na le seabe se segolo mo go tuketseng borukutlhi, a tlatsa ka go ba gwetlha go tsaya boikarabelo jwa go loma mapodisi tsebe ka borukutlhi jo bo diragalang mo tikologong ya bone.

 E ne e rile a amogela baeng, Kgosi ya Mulambakwena, Kgosi Eliot Nkhwanana a supa fa a re o itumedisiwa ke go bo mo metlheng eno, go na le tirisanyo mmogo magareng ga sepodisi le morafe fa go tshwantshangwa le maloba mo morafe o neng o tshaba mapodisi lebaibai.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mulambakwena

Event : Potsolotso

Date : 18 Nov 2024