Breaking News

Dipula tsa bosheng di tsisa tsholofelo

17 Nov 2024

Dipula tse di tsweletseng ka go na kwa Tswapong di tsisitse tsholofelo mo baleming ba le bantsi.

Kwa masimong a kgaolo ya Tswapong balemi ba supile fa e le nako ya gore ba epe mosele wa pula ba tle ba leme ka dipula tsa ntlha.

Mo letsemeng le le fetileng, bontsi jwa balemi ba ne ba tswa ba iphotlhere, bangwe ba roba mo go tsenang mo seatleng fa bangwe ba ne ba seka ba lema gotlhelele.

Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa dipula di na bosheng, balemi ka bontsi ba nona pelo ka mathe mme ba simolola go baakanyetsa tema fa ba ba nang le ditshukudu tsa temo bone ba ne ba simolola go di baakanya ba bo ba baakanya tse ba di dirisang go lema di tshwana le mogoma, polantara le tse dingwe.

Mongwe wa ba ba setseng ba itepatepantse le go dirisa bokgola jwa pula ya ntlha, Rre Makgoka Kwatlhao yo o lemang kwa masimong a Mothathe gaufi le motse wa Tumasera/ Seleka a re go mosola thata gore a dirise dipula tsa ntlha ka a itse gore e tlaa re pula e na gape e bo e fitlhela dijwalo tsa gagwe di setse di tlhogile mme a nne le tshiamelo ya gore a bone thobo e ntsi.

Rre Kwatlhao o ne a supa fa a lema ngwaga le ngwaga mme e rile mo letsemeng la ngogola a ne a kgaupediwa ke pula e e neng ya na ka boutsana. O supile fa a tlaa lema mabele le mmidi.

A re o tlaa lema ditema tsa ntlha mo puleng e e sa tswang go na mme e re e nngwe e na a leme  tse dingwe gore a kgone go di tlhokomela sentle ka go tlhomagana.

Mme Neo Ikaneng yo o lemang kwa masimong a Mohudiri e ntse e le gaufi le Tumasera/ Seleka o ne a supa fa le ene a dumela mo go lemeng ka dipula tsa ntlha. A re o tlaa lema ditema di le tlhano ka lenaneo la Temo Letlotlo.

A re go le gantsi o lemela go ijesa mme e re mo go salang a rekise gore a ithuse ka a sa bereke.

Le ntswa balemi bao ba itumeletse dipula tsa ntlha, ba supile fa di ne tsa dira tshenyo mo motseng.

Kgosi Kelapile Maleele a re dipula tseo tse di neng di na ka sefako di ne tsa thuba matlhabaphefo a matlo le a dikoloi ka bontsi, le gone go baka tshenyo e ntsi kwa sekoleng.

A re bontsi jwa ba ba neng ba bona thuso go tswa kwa go mmaboipelego e ne e le ba e rileng dipula tseo di na tsa kolobetsa dijo tsa bone mme ba bangwe ba ne ba kgona go baakanya matlo a bone ka go tsenya digalase tsa matlhabaphefo.

Kwa sekoleng se sebotlana, baithuti ba tsweletse ka dithuto tsa bone ntswa matlhabaphefo a matlo a borutelo a ne a thubega ka bontsi. Mogokgo Koosentse Mothudi o ne a supa fa a setse a ikgolagantse le ba ofisi ya Sefhare ba Lephata la Thuto ba ba tsweletseng ka go bona gore ba ka thusa jang.

Mme Mothudi a re pula eo, e e neng e na ka sefako se setona e simolotse fela e sa lemotshege gore e ka dira tshenyo epe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2024