Borre ba kopiwa go bega kgokgontsho
17 Nov 2024
Mogolwane mo lephateng la Bong, mme Peoyame Tladi o rotloeditse borre go bega dikgang tsa kgokgontsho gona le go tsaya ditshwetso tse di masisi.
Mme Tladi o buile seo kwa thuto-puisanyong e e neng e diretswe banana ba Malatswae mo kgaolong ya Serowe Bophirima ka Labotlhano
Mme Tladi a re borre ba tshwanetse go nna le seabe mo go fediseng dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse di tsweletseng ka go gola.
O tlhalositse fa lekgotla la mafatshe le tlhomile kgwedi ya Ngwanatsele ele ya go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, basadi le bana. A re go botlhokwa gore borre ba tsee boikarabelo jwa go fedisa kgokgontsho ka e le bone ditlhogo le batlhokomedi ba malwapa ka bontsi, ka jalo ga ba a tshwanela go nna bakgokgontshi.
Mme Tladi a re dipalo di tsweletse ka go supa fa bomme e le bone ba ba amilweng ke kgokgontsho thata mme e bile e dirwa ke borre, ka jalo a re seo se tsweletse ka go baya bomme mo diphatseng.
O boletse fa banana le bone ba tseneletswe ke kgokgontsho ya metlhale ee farologaneng mo ba felelang ba dira ditiro tse di maswe mo matshelong a bone.
A re borre le bone ba amilwe ke kgokgontsho, mme go supa fa bone mo lesomeng bo amega.
A re borre go supa fa ba amilwe ke kgokgontsho ya maikutlo mme ba sa ikuele.
Mme Tladi o supile fa go na le kgokgontsho e nngwe e e sa begiweng thata le ntswa e diragalela borre thata ya go tingwa dikobo ke bomme.
A re mofuta oo wa kgokgontsho o ama maikutlo a borre thata mme ba felele ba nna le dikakanyo tse di maswe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Malatswae, Mme Boitumelo Keoganne o ne a begela batsena thuto gore methale ya kgokgontsho e akaretsa dititeo mo malwapeng ke borre ba mme go le gantsi bangwe ga ba begele mapodisi.
Mme Keoganne a re ba lemogile gape fa batsadi bangwe ba kgokgontsha bana ba bone ba ba tlogela ba le nosi baya go nwa majalwa ka jalo bana bao ba sokole ka go nna batlhokomedi ba malwapa ba sale bannye.
A re gape kgokgontsho e nngwe ka ya dipuo tsedi botlha mo baneng, ba dirisa mafoko aa masisi aa sitang go bolelwa.
Kgosi Kabelo Bosigo ene a re kgokgontsho e ntsi mo motseng wa gagwe bogolo jang mo bananeng ba motse. A re go dirwa ke gore banana ga ba na se ba se dirang ka ntata ya letlhoko la ditiro. Kgosi a re jaanong ba inaakantse le dinotagi tse ba felelang ba gobatsana teng fa ba sena go itagisa.
O boletse fa banana ba le bantsi ba nna le batsadi ba bone mo malwapeng mme go nna le dikgotlhang tse dintsi. A re ba utswalelana dithoto le bogodu ja leruo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MALATSWAE
Event : Thuto-puisanyo
Date : 17 Nov 2024