Breaking News

Moeti o itshetsa ka go rekisa dijo

17 Nov 2024

Mme Bontle Moeti wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe go tswa kwa Molapowabojang a re go apaya dijo a bo a di rekisa ke nngwe tsela ya go tlhabolola ditsompelo go di tlhatlosa boleng.

A re ka jalo o kgona go bona letseno le le botoka go na le fa a ne a rekisa dijo tse di sa apewang.

Mme Moeti o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a bolela gore o gwetlhilwe ke letlhoko la ditiro go simolola kgwebo e ya go rekisa, a tlatsa ka go re o e simolotse ngogola e le go leka maano a itshetso.

A re le fa go ntse jalo letseno le boutsana ka jaana bareki ga ba lemoge fa a rekisetsang teng ka go sena sepe se se supang gore go na le kgwebo ya dijo. A re bangwe ba kgona go lemoga ba setse ba fetile mme ba mmoele.

O tsweletse a bolela gore lefelo le a rekisetsang fa go lone, maikaelelo a go le tlhopha e ne e le go tsisa kgwebo gaufi le kwa go rekisiwang dikgomo teng ka gone go rekisiwa letsatsi le letsatsi.

A re o swabile nko go feta molomo ka jaana mo malatsing ano go rekisiwa dikgomo gangwefela mo dibekeng tse pedi, a tlatsa ka go re o kgona go apaya dijo a bo a boele ka tsone kwa lwapeng di sa rekwa.

Mme Moeti o boletse gore o itebagantse thata le go apaya dijo tsa Setswana di akaretsa mosutlhane, koko ya Setswana, morogo wa dinawa, phaletshe le matlebekwane.

A re o ikopetse dithuso tsa madi tsa Chema Chema mme ga a ise a thusiwe, le fa gone a setse a tswa go rutintshiwa, mme a ise a bilediwe go tlatsa difomo.

Mo go tse dingwe o boletse gore o eletsa puso e ka fa bagwebi ba babotlana madi go godisa dikgwebo tsa bone, a kopa gore le fa ba ka adingwa, ba fiwe sebaka sa ngwaga gore ba bo ba busitse madi ao ka morokotso o o kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2024