Banni ba solofela tlhamo ya mebereko go tokafatsa matshelo
17 Nov 2024
Banni ba Serowe le metse e e mo tikologong ba tlhalositse fa ba solofela go le gontsi mo pusong e ntsha ee sa tswang go tlhophiwa, e bile ele la ntlha mo ditsong puso e tsewa ke ba neng ele ba kganetso.
Mo potsolotsong bosheng, bontsi ba boletse fa go fetola ka fa gontseng go dirwa ka teng go ka tlisa dipharologano tse dintsi.
Mongwe wa banni ba kgotla ya Mmapitse mo Serowe, Rre Thabo Mosupiemang o boletse fa ba tletse ka boitumelo thata go bo go nnile le phetogo mo pusong gore batle ba bone gore puso e ntsha ee ntseng ele ya kganetso e tokafatsa matshelo a Batswana jang le gone go diragatsa ditsholofetso tsa bone.
Rre Mosupiemang a re ba solofetse dilo tse dintsi tse ba Umbrella for Democratic Change (UDC) ba di buileng thata mo ipapatsong ya bone jaaka go hira banana baba mo mekgwatheng, kabo ya lefatshe le go oketsa madi a bagodi le go tokafatsa matshelo a batho mo gae.
A re mo puong ya ga Tautona Duma Boko o kaile fa go tsile go nna le kgololesego ya go ntsha mahatlha a motho a sa boife sepe, le go kgala fa puso e sa dire sentle.
Ke pelo namagadi thata ka tautona yo o sa tswang go tlhophiwa, re bone se tautona wa pele Dr Mokgweetsi Masisi a se dirileng, jaanong re tlaa bona se Tautona Boko a tlang ka sone, ke nako ya diphetogo betsho.’’
Mme Letsogile Gosiame wa dingwaga tsedi masome a mane le bone wa kgotla ya Talaojane mo Serowe le ene o boletse fa ba ntse ba nyoretswe diphetogo.
Mme Gosiame o kaile fa phathi ya BDP e ntse dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi e busa mme jaanong ba batla diphetogo tse ba sa bolong go di emela.
O tlhalositse fa basa bolo go emela ditlhabololo mo Serowe mme dingwe di ise di diragadiwe, a supa fa ba solofetse gore letlhoko la ditiro le fokotsege, le gore go tlaa nna le tokafalo ya go bonala ga melemo mo dipateleng.
Mme Mogametsi Tapologo mo Serowe o kaile fa go hetoga ga puso go ka tlisa diphetogo ka gore fa o nnela ruri mo setilong o felela o sa dire o tsentse moko mo dinameng.
O kgothaditse ba ba tseneng mo pusong go dira ka natla gore Batswana ba ba tshephe, ka ba solofetse go le gontsi go ya ka maitlamo a bone a phathi.
O rotloeditse gore ba bule diphatlha tsa mebereko, mme batho ba seka ba baya fela kwa Ipelegeng ele yone tiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2024