Lephata la Bong le ruta bomme
17 Nov 2024
Ba lephata la Bong kwa kgaolong ya Letlhakeng ba ne ba kgobokantse bomme ba Khudumelapye go ba ruta ka malwetse a a sa tshelanweng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone letsatsi le letsatsi.
E rile a amogela baeng kwa kgotleng, Kgosi Tuelo Ramokobetwane a supa fa a itumelela bomme ba motse oo ka fa ba tshologetseng pitso ka teng, a supa fa ba dirile se go tweng pilediwa e a lwelwa.
O ne a supa fa pitso eo e le thutopuisanyo, mme a kopa bomme go ya go tlhatlhelela bomme ba bangwe.
E rile a ntsha la gagwe, mogolwane kwa Lephateng la Bong, Mme Neddy Machona, a tlhalosa fa go supega fa bomme ba ba yang kwa dikokelwaneng ba lwala malwetse a a sa tshelanweng ka bontsi.
E rile a ruta ka malwetse a a sa tshelanweng, mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Khudumelapye Mme Olerato Tshwenyego, o ne a supa fa bomme ba le bantsi ba lwala malwetse a.
Malwetse a, a akaretsa madi a matona, bolwetse jwa sukiri, go swa mhama, madi a a kwa tlase, kankere , matlho le diphilo.
Mme Tshwenyego o ne a supa fa bolwetse jwa sukiri bo ka bakwa ke sukiri e ntsi go feta selekanyo mo mading.
Mooki o ne a supa fa dikai tsa bolwetse jo e le go tshwarwa ke tlala kgapetsakgapetsa, go tshwarwa ke lenyora le gone go tlhapologa kgapetsakgapetsa, fa dikai tsa sukiri e e kwa tlase go feta selekanyo e le go wa le matlho a a letobo.
Fa a ruta ka go laola bolwetse jwa sukiri, mooki o ne a kopa balwetse go fokotsa go ja sukiri gore ba seka ba oketsa e e ntseng e le teng, go itshidila mmele le go ja dijo tse o di boleletsweng ke ba bongaka.
O ne a supa gape fa go le botlhokwa gore molwetse wa sukiri a leke ka bojotlhe gore a seka a nna le dintho kana go segwa ke sepe, ka jaana ntho ya molwetse wa sukiri e tsaya nako go fola.
Mme Tshwenyego o supile gape fa bolwetse jwa sukiri bo sa alafesege mme go ja dijo tse molwetse a di laetsweng ke ngaka di kgona go tlhotlha sukiri e e setseng e le mo mading, a bo a supa fa go tsaya kalafi le gone e le go laola bolwetse joo fela e seng go bo fodisa.
Mooki o tlhalositse fa bolwetse jwa sukiri bo ama karolo nngwe le nngwe ya mmele, a bo a supa fa go le botlhokwa go tsaya kalafi ya sukiri sentle.
Fa a ama bolwetse jwa madi a matona, mooki o ne a tlhalosa fa bo bakwa ke ka fa batho ba tshelang ka teng, a supa fa go nwa bojalwa, go goga motsoko le go tlhoka go itshidila mmele e le dingwe tse di bakang madi a matona.
Mme Tshwenyego o ne a supa gore go ima le gone go kgona go baka bolwetse jwa madi a matona.
Mooki o ne a supa fa bolwetse jo bongwe jo bo sa tshelanweng e le kankere, a supa fa bolwetse joo bo le borai ka jaana gantsi bo tshwarwa bo setse bo keketse.
O ne a tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tsibogela diphetogo dipe fela mo mmeleng tse di ba belaetsang, a bo a kopa gore ba nne ba itlhatlhoba mabele go bona gore ga a na dikgwethe mo teng, kana go ipopa mo thobeng ba bo ba tsiboga ka go kopa tlhatlhobo e e tseneletseng kwa bongakeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : KHUDUMELAPYE
Event : Pitso
Date : 17 Nov 2024