Leuba le tlogetse barui ba iphotlhere
14 Nov 2024
Leuba le le bakilweng ke dipula tse di boutsana le melelo ya naga ngogola le tlogetse barui bangwe ba iphotlhere kwa motseng wa Draaihoek mo kgaolong ya Tsabong morago ga gore leruo la bone le ganyaolwe ke go tlhoka phulo ee lekaneng.
Mo potsolosong le BOPA ka Laboraro Kgosi Sekai Kgaudi wa Draaihoek o ne a re bangwe ba ne ba swelwa thata ke leruo bogolo jang dipodi le dikgomo ka lebaka la leuba le malwetsi mangwe jaaka jwa Pasturella fa dinku tsone di ne di kgona go falola mo seemong seo.
Kgosi o boletse gore le ntswa puso e ne e dirile maiteko a go thusa banni ka lenaneo la LIMID le a mangwe a a amang thuo kwa motseng oo, mme maitemogelo a supile fa bangwe a sa ba solegela molemo jaaka ba ne ba solofetse ka lebaka la leuba.
Kgosi Kgaudi o ne a re le fa go ntse jalo lenaneo le morafe wa gagwe o le amogetseng ka diatla tsoopedi e le la Chema Chema ka ba le ikopetse ka dipalo tse di kwa godimo, ba solofela fa le tlaa tlhabolola le go tokafatsa matshelo a bone kwa motseng oo bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O boletse fa dingwe tsa tse di neng di tshwenya thata e ne e le tsa go tlola terata ya molelwane ga batho bangwe mo go seng ka fa molaong mme jaanong seemo se kokobetse ka thuso ya ba sepodise sa Special Support Group (SSG) ka go dikologa molelwane ba etse seemo tlhoko.
Ka tlhaelo ya seemo sa metsi mo motseng oo Kgosi Kgaudi o tlhalositse fa puso ee fetileng e solofeditse banni fa seemo se tlaa tokafala morago ga go simolodisa mafaratlhatlha a phatlalatso ya metsi mme nakong eno ba sa ntse ba nosiwa ka dikoloi tsa metsi tsa Water Utilities Corporation go tswa Werda.
Rre Piet Hastag, mongwe wa barui ba motse oo, mo puisanong o supile fa mo ngwageng oo fetileng le mo ngwageng ono a buseditswe morago ke go swelwa ke dikgomo di feta masome a mane le dipodi di feta masome a mararo.
Rre Hastag wa dingwaga tse di masome a matlhano le borobabobedi o ne a supa fa leuba le bakilwe ke pula ka boutsana ka nako ya dipula ka seo se baka komelelo ya naga selo se a supileng fa leruo go ne go sena se le se jang le ntswa maiteko a go iphunyetsa metsi aa dirile.
A re le ntswa pula e sarasarile ba sa ntse ba lebile legodimo ebile ba rapela Ramasedi go ba nesetsa pula ya medupi go kgabisa naga gore leruo le kgone go tshela.
A re ntswa e le barui ba ne ba leka go tsibogela seemo seo ka go reka dijo tsa leruo morago ga phokotsego ya ditlhwatlhwa ke puso seemo sa leruo go ganyaolwa ke leuba se ne sa tswelela se gakatse.
Rre Hastag o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa e se la ntlha barui ba Tsabong ba amiwa ke leuba a supa fa le ka ngwaga wa 2012 le 2015 ba ne ba itemogela seemo seo mme ga tokafala morago ga go na ga dipula tse di nametsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : DRAAIHOEK
Event : Potsolotso
Date : 14 Nov 2024