Breaking News

Ba itshetsa ka go suga matlalo

14 Nov 2024

Tshugo ya matlalo ke sengwe sa tse batho ba maloba ba neng ba se dira ka lorato.

Go tswa Goo-Lowe batho ba merafe ka go farologana ba ne ba suga matlalo go dira diaparo, diphate, disale, ditlhako tsa bompaachane le dithoto tse dingwe. Go suga matlalo go  tsweletse le mo bogompienong bangwe ba santse ba tshegeditse ngwao eo ya Setswana.

Monni wa Tsabong Rre Festus Letsholo wa dingwaga tse di masome a mane le borataro o suga matlalo mme o direla seo kwa morakeng wa Khukhwa sekgalanyana go tswa kwa Tsabong.

Rre Letsholo o tlhalositse fa botsipa jwa go bereka ka letlalo a bo tsere mo go bomalomaagwe mme ya re ba sena go hulara a tsaya boikarabelo jwa go itirela.

A re fa e sale a tsaya kgato eo ga a ise a ko a lebe kwa morago ka jaana a dira ditomo le disale, tse tsotlhe a di rekisetsang batho go dira letseno la itshetso.

Le fa go ntse jalo, a re tiro ya go suga matlalo ga se ‘mme mphe bogobe’ ka e le bokete le mororo e le bogadi bo gaufi.

Mo godimo ga moo, Rre Letsholo a re go suga matlalo go tlhoka bopelotelele le lorato ka jalo go tlhoka gore motho a bo a ikiteile sehuba gore a go kgone.

Rre Letsholo, yo a godisitseng bana le go tlamela ba lelwapa la gagwe ka dipoelo tsa go suga matlalo, tse ka tsone a kgonneng le ithekela dikoloi, a re o malala-a-laotswe go tla go dirisa matlalo go tswa kwa matlhabelong a a ntseng a agwa kwa Tsabong.

E re jaaka matlhabelo a dihutshane, dikgomo le diphologolo a Tsabong a tloga a bulwa mme e bile a solofelwa go ntsha le matlalo le tse dingwe ntleng le nama fela, a re o ipaakanyeditse go tla go dirisa matlalo a a tswang koo go itshetsa.

Go sale foo, o boletse fa kgwetlho e kgolo e le go bo e le basugi ba matlalo ba santse ba suga segologolo, selo se se bakang gore ba ntshe go le go botlana.

A re jaanong ba tlhoka didirisiwa tsa segompieno le lefelo le le phuthologileng go godisa madirelo a bone a matlalo gore ba kgone go ntsha bokete jo bo rileng jwa dithoto tsa matlalo.

Rre Letsholo o supile fa a na le botsipa jwa go dira ditlhako mme a ntse a sa di dire ka jaana a sena didirisiwa tsa boleng jo bo rileng, mme a supa fa a ikaelela go ikamanya le makalana a a adimisang madi a tshwana le CEDA go kopa madi a go reka didirisiwa tse a di tlhokang go ka dira ditlhako.

“Ka mabaka a go tlhoka letseno le le rileng ke ne ka nna boitseme go dira ditlhako. Mme jaanong ke simolola go ema ka dinao, ke batla gore fela fa matlhabelo a bulwa ke nne gaufi ke tle ke bone gore ke tsenya tlhogo fa kae,” a tlhalosa.

Rre Letsholo a re o tshwenngwa ke gore matlalo a mantsi a bo a tsweletse ka go tswa mo Botswana a isiwa kwa mafatsheng a sele, a bo a boela mo gae e tla e le dithoto.

A re selo se se tshwanetse se eme ka gore se tlhamela ba mafatshe a sele ditiro fa Batswana bone e bo e nna baji-bareki fela ba dithoto tseo.

“Golo mo go re ruta gore re le banana re tshwanetse ra ikemela ka dinao go dirisa matlalo a gore batho ba tle ba lemoge gore re nale boitseanape jwa go dira dilo tse mme re emise go direlwa ke ba mafatshe a sele,” a tlhalosa.

Mosugi yoo o ne a gwetlha Batswana go emisa mokgwa wa go akanya gore tiro ya go suga matlalo ke ya bannabagolo le basadibagolo fela mme ba rotloetse banana go inaakanya le yone go fokotsa letlhoko la ditiro.

Mongwe gape wa basugi ba popota ba Tsabong yo o saleng a simolola go suga ka 1985 Rre Kesotlegile Tsholofelo le ene fela jalo o tshela ka matlalo ka ba lelwapa la gagwe ba kgona go gotsa molelo go baya sengwe fa legaleng fa a sugile mo go nametsang.

Sebe sa phiri ke gore jaanong o setse a godile mme o ikaelela go tlogela, mme matshwenyego a gagwe e le go nna maoto a tshupa ga banana go ithuta go ithuta mo go ene gore ba kgone go itshetsa le go sireletsa tshugo ya matlalo kgatlhanong le go nyelela.

Le ene jaaka Rre Letsholo a re tiro ya go suga matlalo e tlhoka bopelotelele, bonokopila le botswerere jo bo kwa godimo ka go apara kana go dirisa sepe se se dirilweng ka letlalo la boleng jo bo rileng go le botlhokwa e bile go tseelwa kwa godimo.

Rre Tsholofelo yo a rekisang matlalo a a sugilweng ka madi kana a a ananya ka dihutshane a re o mo thulaganyong ya go phunya sediba go nosa leruo la gagwe ka jaanong a batla go itebaganya le tsa thuo.

Rre Tsholofelo a re go suga letlalo ke namane e tona ya tiro e e akaretsang go le tlhatswa, go le tsenya mo kalakeng go le ntsha boboa, go le tsenya mo metsing a a nang le setlhatshana sa mositsane go le fa mmala mme kwa bofelelong le sugwe.

“Gompieno jaana mo teng mo ke tsentse a le mararo, mme ke solofetse P15 000. Mongwe wa bareki go tswa Hukuntsi o supile gore o tlaa reka letlalo le le lengwe ka kgomo e namagadi le namane,” a tlhalosa Ka monyenyo o mogolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 14 Nov 2024