Breaking News

Bagwebi ba Lobatse ba semeletse

13 Nov 2024

E re ntswa go na le makalana le dithuso tse bagwebi ba ba botlana ba ka inaakanyang le tsone go atolosa dikgwebo tsa bone, bagwebi bangwe kwa toropong ya Lobatse ga ba ipone tsapa go ikitaa dikgwatlha mme ba itshimololele dikgwebo go itshetsa, kwa ntle ga kadimo ya madi.

Mongwe wa bagwebi ba ba botlana mo Lobatse, yo o rekisetsang kwa marekisetsong a Moselewapula Mme Onalenna Mbeji wa dingwaga tse di masome a mane le boraro, a re o itshimololetse kgwebo ka madi a gagwe.

Mme Mbeji o buile jalo mo potsolotsong le BOPA kwa Lobatse ka Labobedi, a tlhalosa gore o nale dingwaga di le lesome le botlhano a ntse a rekisa mme a tlhalosa gore o simolotse a rekisa dimonamone le di unitsi tsa Mascom le Orange.

O tsweletse a bolela gore kgwebo e ne ya gola mme a oketsa a rekisa le merogo, digaugau, motsoko le tse dingwe, a supa gore dipoelo di a nametsa ka jaana o kgona go tshetsa le bana ba gagwe.

Mme Mbeji o boletse gore o gweba gape ka go hirisa tante mo medirong e e farologaneng, e le yone a boletseng a e itshimololetse ka madi a gagwe, a tlatsa ka gore letseno la yone le botoka thata e bile le mo rotloetsa go ikopela dithuso tsa madi mo makalaneng a a maleba jaaka CEDA go godisa kgwebo.

O tsweletse a tlhalosa gore maikaelelo a gagwe ke go nna le semausu, go atolosa kgwebo a dira ka tsa madi jaaka Orange Money le My Zaka, a re seo se tlaa dira gore a thape batho ka jalo a fokotse letlhoko la ditiro.

Mo go tse dingwe Mme Mbeji a re o eletsa gore puso e ka ba agela lefelo le ba rekisetsang mo go lone gore fa go le letsatsi kana dipula ba tswelele ka dikgwebo ba sa kgoreletsege .

Mogwebi yo mongwe wa dinkgwana mo toropong ya Lobatse Rre Thubi Gaelaiwe yo le ene a itshimololetseng kgwebo ka madi a gagwe o supile fa kgwebo e le kwa tlase a tlatsa ka gore go na le nako e go rekwang mme nako nngwe o kgona go tlhola fela go sa rekwa sepe.

O boletse fa dinkgwana di rekwa ke batho ba ba farologaneng ba direkela ditiro tse di farologaneng jaaka go di dirisa kwa meletlong, bangwe ba rapela ka tsone, bangwe ba kgabisa ka tsone, fa bangwe ba baya metsi ka tsone.

Rre Gaelaiwe yo o simolotseng go gweba ka dinkgwana ka ngwaga wa 2007, a re o gwetlhilwe ke go bona ngwao e nyelela mme a inaakanya le kgwebo e gape a itshetsang ka yone.

O tsweletse a bolela gore o nnile le boitseme jwa go ikopela dithuso tsa madi tsa puso go ya ka dipuo tsa batho, mme a tlhalosa gore o tlaa iteka lesego go kopa dithuso tsa madi mo nako ee tlang.

Mogwebi yo mongwe yo mmotlana Mme Gaboratanelwe Rasuping wa dingwaga tse di masome a mane le bone ene o boletse fa a simolotse kgwebo ka madi a kgwatlha ya gagwe a rekisa di dimonamone (sweets) le motsoko, di biscuts le tse dingwe

O tsweletse a re fa kgwebo e ntse e gola o ne a rekisa le diaparo tse a di rekang kwa Africa Borwa, dingwe a di reka mo basiging gone mo gae jaaka kapari ya di chiba.

Mme Rasuping o boletse fa a ise a kope dithuso tsa madi gope, a re o itsapisiwa ke gore go tsaya nako e telele go ka thusiwa a tlatsa ka gore fa a ile go ikopela dithuso kgwebo ya gagwe e a ema.

A re kgang e nngwe ke gore madi a ba a adimiwang go godisa dikgwebo a busiwa mo nakong e khutshwane, merokotso e le kwa godimo.

A re e le bagwebi ba ba botlana, ba eletsa thata go godisa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Potsolotso

Date : 13 Nov 2024